Dintlha tse di Rotloetsang Themphoritšhara

Themphoritšhara mo kgaolong e rotloetswa ke dintlha tse di jaaka bogodimo gotswa mo boalông jwa lewatle, bogaufi jwa lewatle le felo-bodulo la equator. 

Altitude le Themphoritšhara

©Peter Delaney

Mo Afrika Borwa, dithemphoritšhara tse di kwa tlasetlase gantsi di fitlhelwa mo dikgaolong tsa altitude e e kwa godimo le kwa dithabeng, fela seno se ka rotloetswa ke dintlha tse dingwe. 

Fa dintlha tsotlhe tse dingwe di lekana, themphoritšhara ya mowa e fokotsega le koketsego ya bogodimo gotswa mo boalông jwa lewatle; sekai, themphoritšhara e ya tlase fa o ntse o tlhatlhoga. 

Bomagareng jwa-6.5ºC mo 1 000 m nngwe le nngwe ya tlhatlhogo ya altitude gantsi e kaiwa fa ele 'seêlô sa tlwaelô'. Dipaloboleng tse di tsamaelang gotswa kwa botlase bo etsa-4.6ºC go fitlha kwa bogodimong jo bo etsang 9ºC mo 1000 m ya tlhatlhogo ya altitude, di gatisitswe kwa mafelong a a farologaneng mo lefatsheng.

Meela ya Lewatle le Themphoritšhara

Fa o bapisa dithemphoritšhara bogareng tsa mowa go ikala le mabopo a a kwa botlhaba le kwa bophirima jwa Afrika Borwa, o tlile go lemoga seabe sa meela ya lewatle mo themphoritšhareng ya mowa. Themphoritšhara bogareng ya mowa ya Durban mo lobopong lo lo kwa botlhaba ke 21ºC fa themphoritšhara ya Port Nolloth mo lobopong lo lo kwa bophirima ke 14.2ºC. Mafelo ka bobedi a dutse ka bogaufi mo latitude ele esi. Lobopo lwa botlhaba lo rotloetswa ke moela o o bothitho wa Mozambique, mokgatšha wa moela wa Agulhas, fa moela o o tsididi wa Benguela o fokotsa dithemphoritšhara go ikala le lobopo lwa bophirima jwa Afrika Borwa. 

Mokgokologa le Themphoritšhara

Bontlha-karolo jwa mokgokologa bo na le seabe se se golo thata mo dithemphoritšhara magareng tsa tsatsi le tsatsi, segolobogolo mo dikgaolong tse di nang le dithaba tse di kwa tlase le dithabana tse di sekameng tse di namelelang ka borethe. Mo Afrika Borwa, mekgokologa e e mo bogareng e e lebileng kwa bokone e na le dithemphoritšhara tse di kwa godimo go na le mekgokologa e e lebileng borwa. 

Themphoritšhara le Kapeso ya Maru

Kwa dikgaolong tsa tropical, kapeso ya maru e ama ditiragalo-tlwaelô tsa dithemphoritšhara tsa selemo tsa paka-telele. Tshologo-pula e dira jaaka ntlha-mmogo. Tiragalo-tlwaelô ya kakaretso ke gore dithemphoritšhara magareng tse di kwa godimo go gaisa mo kgaolong di diragala pele dipula tsa selemo di simolola. Dikgaolo tse di jalo di na le mariga a a rurufetseng a a omileng, dikgakologo tse di mogote tse di omileng le selemo se se bothitho se se metsi. 

Mo kgaolong ya tropical ya bokone jwa Limpopo, dithemphoritšhara tse di kwa godimo le mowa o o omileng ka Lwetse le go sale gale ka Diphalane di na le ditlamorago tse di sa siamang mo teyeng e e jalwang mo kgaolong. Seno ke ntlha e e botlhokwa go e akanyetsa fa o jala dijalo tse dingwe ka fa tlase ga nosetsô mo kgaolong eo.

Themphoritšhara le Phefo

Mo Afrika Borwa, diphefo tse di farologaneng di na le ditlamorago tse di masisi mo themphoritšhareng ya mowa. Tse di botlhokwa go gaisa mo go tsona ke ‘berg winds’ tse di mogote go feta di omile thata, tse di fokang gotswa kwa plateau ya bogareng e e mogote e omile, goya tlase le mokgokologa go tsena ka di plateau tsa lobopo ka selemo. Dikgaolo tsa lobopo lo lo kwa bophirima tse di jaaka River Valley, Vredendal le dikgaolo tsa lobopo lwa Kapa Botlhaba e ka tswa ele tsona tse di padimolwang go fetisa ke berg winds. Dikgaolo tse di nosetswang kwa dikgophung tsa noka tsa Kapa Botlhaba le tsona di rotloetswa thata ke berg winds. 

Ka dikgwedi tsa mariga, naga-gare e e mo gare ga naga, segolo thata Free State, e padimolwa ke diphefo tse di maruru mo go tseneletseng. Diphefo tseno tse di boswakgapetla di tswa kwa borwa goya kwa borwa-botlhaba fa go wele semathana kwa dithabeng tsa Kapa Botlhaba le Lesotho. 

Translated by Nchema Rapoo