Dingwaga tsa Morago tsa Winnie Mandela

Go Tsweletsa Ditshupetso

©Eric Miller

Morago ga Tlhaolele e ne e fedisitswe le Khomišene ya Nnete le Poelano (TRC) e simolotse ka 1996, Winnie Mandela o ne a bidiwa ka ntlha ya go amega mo ditlhaselong le dintsho tse di dirilweng ke Mandela United Football Club (MUFC), e e neng ya tlhamiwa ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe.

Morago ga fa Mobišopomogolo Desmond Tutu a mo lopa go dira jalo, Winnie o ne a ipobola mo malapeng a Stompie Seipei le Abu Baker Asvat, bobedi bao e neng e le batswasetlhabelo ba MUFC. Morago ga se o tsweletse ka letsholo la gagwe la mabaka a neng a a emetse.

O ne a ya kwa Zimbabwe ka 2000 go tshegetsa bagale ba ntwa ba kwa Zimbabwe fa ba gapa dipolase tsa basweu. Gape o ne a naya tshegetso kwa dira boikuelong ya molemo wa (di ARV) wa babogisa ke HIV. Ka 2007, o ne a tlhophiwa kwa go Komiti Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya ANC mme ka 2009 o ne a bewa mo maemong a botlhano mo lenaaneng la Maloko a Palamente a ANC (MPs) a tlhophilweng go ya kwa palamenteng.

A Gakologelwa ka Seabe Sa Gagwe

©Eric Miller

Ka maswabo Winnie Mandela o ne a tlhokafala ka 2 Moranang 2018 a na le dingwaga di le 81, morago ga boga lobaka lo lo leele. O ne a dikaganyeditswe ke balelapa le bao ba mo ratang fa a ne a tlhokafala.

O gakologiwa ka seabe se se botlhokwa go lweleng kgololosego ya Aforika Borwa go tswa mo seemong sa puso e e neng e le tlhaolele. Mosadi yo o popota yo o maatla, o fa gare ga basadi ba ketekwang mo hisetoring ya Aforika Borwa.

Tlotlo ya ga Winnie

©Eric Miller

Winnie Mandela o itsege thata ka ntlha ya seabe sa gagwe mo kgololosegong ya Aforika Borwa kgatlhanong le kgethololo ya semorafe. Mo bathong ba le bantsi ke nngwe ya difatlhego tsa mokgatlho wa kgololosego se se feleditseng mo maineng a le mantsi a mosadi le meletlo e le mentsi e megolo ya dijo tsa maitsebowa le ditiragalo tse di tshwarweng ka ntlha ya tlotlo ya gagwe.

Mo dikgeleng tse dingwe tsa semmuso tse di abetsweng go ena ke tse di latelang: Freedom of the City of Aberdeen (1984) United Nations Prize in the Field of Human Rights (1988) The Order of Luthuli in Silver (2016) Morago ga loso lwa gagwe ka 2018, Winnie Mandela gape o neetswe phitlho ya Semmuso kwa Lebaleng la Kgwele ya Dinao la Orlando kwa Johannesburg.

Tirelo e ne e tsenetswe ke batho ba le dikete, batlotlegi ba sepolotiki ba maemo a a kwa godimo a sepolotiki magareng ga bona, mme mafoko a pako a dirilwe ke Moporesitente Cyril Ramaphosa.

Translated by Lawrence Ndou

Winnie Mandela

Winnie Madikizela-Mandela o gakologelwa gantsi e le “Mmaagwe Setšhaba” le dikgaratlho tse a di boneng jaaka mosadi wa ga Nelson Mandela...more