Ka 1990 FW de Klerk o begile go aposiwa ga makoko a sepolotiki a a jaaka ANC le bagolegwa ba sepolotiki ba ne ba gololwa, mo gare ga bone Nelson Mandela. Morago ga go gololwa kwa kgolegelong, Nelson Mandela le Winnie ba ntse le Desmond Tutu kwa ga gagwe kwa Bishopscourt, Kapa.
Tutu o ile tirong ka go kopa bokhutlo jwa dikiletsokotlhao kgatlhanong le naga ya rona le go baya ga dibetsa ke ditlhopha tse kgatlhanong le tlhaolele gammogo le baeteledipele ba kereke go fetsa kgolagano ya bona ya sepolotiki.
Fa di sena go runya ga tirisodikgoka e magareng ga Inkatha Freedom Party 'IFP' le ANC morago mo ngwageng oo Tutu o ne a emisa leeto la gagwe le le neng le rulagantswe go ya kwa USA ka go kgona go nna le seabe mo dipuisanong le Nelson Mandela, FW de Klerk le moeteledipele wa IFP, Mangosuthu Buthelezi, ka maiteko a go tlisa kagiso.
Fa tirisodikgoka e anama o ne a etela kwa metsesetoropong e e amegang ka go ya go thusa batswasetlhabelo. Ka kgwedi eo ya Ngwanatsele o rulagantse samiti ya baeteledipele ba kereke le baeteledipele ba sepolotiki go ba rotloetsa go dira mmogo go fedisa tirisodikgoka. Ka nako e Tutu o nnile le mathata a boitekanelo, mme se se feletse ka gore ene a tsaye boikhutso jwa lobaka lwa dikgwedi di le nne kwa Atlanta, Georgia.
Mo go jalweng ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi tsa Afrika Borwa ka 1994, Tutu o ne a itumeletse tebelelo ka ga ditoro tsa gagwe tsa naga go nna nnete. O ne a letlelelea sefatlhego sa gagwe go dirisiwa mo diphousetareng tsa letsholo le fa Nelson Mandela a ne a tlhophiwa go nna Poresidente o rulagantse karolo ya gagwe ya tlhomosemmuso ya bodumedi.
Tutu o ne a gatelela ka moletlo wa bodumedi bo bontsi go akaretsa Sekeresete, Semoslem le tsa Bajuta. O ne a ema nokeng ka botlalo kgopolo ya batho ba ba farologaneng ba tshelang mmogo ka kagiso. O ne a tlhama leina “setšhaba sa molalatladi” le le neng la dirisiwa mo Afrika Borwa morago ga tlhaolele ka mowa wa batho ba ditso tsotlhe, ditso le ditumelo di keteka nngwe le nngwe, ntle le kgapeletso ya tlhaolele.
Kwa morago ga tlhaolele, potso e ne ya tloga ya gore puso e ne e tla samagana jang le mathata ao a tlhotsweng mo dingwageng tse di fetileng. Mokgatlho wa Bosetšhaba o rerisane dipaki tsa kgololosego fa mokgatlho wa ANC ditshwantsho tsa maloba tsa naga gore di bewe mo tshekong ka bosenyi ba bona. Kwa bokhutlong, Khomišene ya Nnete le Poelano 'TRC' e ne ya tlhongwa mme Tutu o ne a kopiwa go dira jaaka Monnasetulo.
Boikaelelo jwa TRC e ne e le go batlisisa ka ga kgatako ya ditshwanelo tsa botho tse di dirilweng ke ditlhopha ka bobedi tse di neng di ema nokeng le go kganela puso ya tlhaolele. Tutu o ne a lebelela ga raro la mokgwa wa go dira ka dikgetse tse di beilweng fa pele ga gagwe. E ne e na le tse di latelang: Batho ba ba latofadiwang ka go senola ka botlalo ditiro tsa bone: tiro ya boipobolo.
Batho ba ba latofadiwang ba ka nna ba abelwa kgololosego go tswa go tshekiso: tiro ya tshwarelo. Batho ba ba latofadiwang ba fetole dilo le bao ba ba diretseng diphoso: tiro ya pusetso. Tutu o ne a amegile thata ka dikgang tsa tse di tshosang tsa kgatako ya ditshwanelo tsa botho tseo a di reeditseng mme gantsi o ne a fenywa ke maikutlo.
Fa dikgang tsa tirisodikgoka le tshotlako mo diatleng tsa ANC e tlhagelela, lekoko le na le tshoga gore seriti sa lona se tla senyega. Le ne le batla go fetola karolo ya pegelo ya bofelo ya TRC go tila ditshenyo, mme Tutu o ne a ka se letle seo. O ne a tsibosa la tirisobotlhaswa ya maatla a kaya gore, fela jaaka go diragetse mo dinageng tse dingwe go ralala hisetori, puso e ntšhwa e ka nna kgatelelo jaaka ele ya bogologolo.
Ka 1996 Tutu o rotse tiro ya gagwe le ditiro jaaka Mobišopomogolo wa kwa Kapa go kgona go dira tiro ya gagwe mo TRC ya tlapele le ka 199 o tlhagisitse pegelo ya TRC ya methama e metlhano go Nelson Mandela kwa moletlong wa kwa Pretoria. O lemogile ditlhaelo tsa TRC mme o ne a itumedisitse ke tiro ya yona.
Translated by Lawrence Ndou