Letsatsi la Poelano

Ka di-16 Sedimonthole 1995, ka lekgetlo la lantlha, Afrika Borwa e ketekile Letsatsi la Poelano le mo go lona ditso tsa Afrikaner le tsa kgaratlhelo-kgololosego di neng tsa amogelwa ka bokao go nna karolo ya setšhaba sa temokerasi se se nang le tekatekano. Go fitlha gompieno, 16 Sedimonthole, e botlhokwa ka ntlha ya ditiragalo di le pedi tse di diragetseng mo malobeng a Afrika Borwa ya merusu.

©Eric Miller

Ka 1838, ba-Voortrekker ba ne ba ipaakanyetsa go lwa le baZulu kwa Thulanong ya Blood River. Ka 16 Sedimonthole ba tsere kano fa pele ga Modimo, gore fa ba ka fenya baZulu, ba tlile go aga kereke, mme dikokomane tsa bona di tla tlotlomatsa letsatsi leno jaaka letsatsi la ditebogo. Ka motsi wa dingwaga tsa tlhaolele, 16 Sedimonthole e ne e fetotswe letsatsi la botlhe la khunologo, le le neng le itsagale jaaka Letsatsi la Kano.

16 Sedimonthole e ne gape ele lona letlha le Umkhonto we Sizwe (MK) e tlhamilweng ka lona ka 1961. Go fitlha ka letsatsi leo, African National Congress (ANC) e ne e dirisa mekgwa ya boipelaetso jo bo senang tiriso-dikgoka go lwa kgatlhanong le bosiamolodi jwa tlhaolele. Fela, morago ga Matlhotlhapelo a Sharpeville ka 21 Mopitlwe 1960, mo baipelaetsi ba ba kagiso ba neng ba thunywa, ntle le go tlhaolwa, go ne ga bonwa fa boipelaetso jo bo kagiso fela bo ka se kake ba fetola melao ya tlhaolele.

Umkhonto we Sizwe e tlhomilwe jaaka lephata la sesole la ANC. Tiro e kgolo ya MK e ne ele go diragatsa ditiro tsa tshenyo tse di tlileng go tsepamisa ditlhaloganyo mo kgaratlhong kgatlhanong le tlhaolele. Fela ditema tsa mokgatlho le go golegwa ga baeteledipele ba ona ka 1963 di tlhakatlhakantse MK mo maitlhomong a yona. Legale, go simolola ka go tlhongwa ga yona, 16 Sedimonthole fa e sale ele letsatsi la go keteka MK.

©Eric Miller
Sedimonthole 16 e santse ele letsatsi la bosetšhaba la khunologo, fela ga jaana le emetse poelano le kopana ya setšhaba, mo dithuto le dingongorego tsa maloba di ka bopang tsholofelo e ntšhwa go naga le baagi ba yona. MaAfrika-Borwa otlhe a lopiwa, segolobogolo mo letsatsing leno, go ntšhwafatsa maitlhomo a bona go meono ya seriti sa motho le tekatekano.Translated by Nchema Rapoo