Carignan

© Glenneis Kriel

Thanololô

Carignan ke mofuta wa terebe ya mofeine ya letlapi le lentsho e gantsi e dirisetswang go tlhagisa mefeine ya metswako le ya mofuta-nosi. Lotso lwa yona ga le a totobala.

Tlhôlegô

Mofuta ono o tlholegile kwa Spain, mme o theilwe leina ka toropo ya Carinema kwa porofenseng ya Aragon. O ntse o tlhagiswa kwa kgaolong ya Languedoc Roussillon, e e kileng ya nna karolo ya bogosi jwa Catalunya-Aragon mme ya nna karolo ya France ka 1659, fa e sale ka ngwagakete wa bo 12. Karolo ya ntshô-tlhagiso ya Carignan kwa France e oketsegile go utlwala fa dingwaga di ntse di tsamaya, fa e fokotsegile kwa Spain.

Mofuta ono o ne wa nna le serotumo se se maswe ka dingwaga tsa bo1970, ga nne balemi ba ne ba jala diheketara di le diketekete tsa Carignan ka ntlha ya bokgoni jwa yona jwa ntshô-tlhagiso e e kwa godimo, lebaka e le go bona thuso ya madi go tswa mo pusong, e e neng e fiwa goya ka bogolo jwa ntshô.

Ditlamorago e ne ya nna tlhagiso ya dibilione tsa dillitara tsa mofeine wa Carignan wa boleng jo bo kwa tlase. Kgaolo ya ntshô-tlhagiso kwa France e fokoditswe thata fa e sale ka dingwaga tsa bo1990, ka ntlha ya meputso ya puso, mme gape go ntse le tebelelo e e tseneletseng mo go tlhagiseng mefeine ya Carignan ya boleng jo bo botoka.

Maina A Mangwe

Mofuta ono o itsagale gape jaaka Carignane kwa Amerika, Carignano kwa Italy, Carignan noir kwa France le Tinto Mazuela kgotsa Samsó kwa Spain.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Moprofesara Abraham Izak Perold ka dingwaga tsa bo1920 o ne a bega tsholofelo ga gagwe ya gore ntshô-tlhagiso ya Carignan e tla atolosetswa mo Afrika Borwa, ka ntlha ya bokgoni jwa mofuta ono jwa go dira sentle ka fa tlase ga maemo a bosa a a omileng.

Go lebega fa ntshô-tlhagiso e simologile fela mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1970, ke ba lelapa la Basson, ba ba lemileng kwa Die Slot kwa Perdeberg, ba jala nngwe ya merara ya ntlha ka 1972.

Charles Back wa kwa Fairview o itshupile fa e le mongwe wa batlhagise ba ba gaisang ba mefeine ya mofuta-nosi wa Carignan mo lefatsheng le leša, ka Pegleg Carignan ya gagwe, e e dirilweng ka diterebe tsa merara ya sekgwa kwa Die Slot.

Mofeine o theilwe leina ka Cobus Basson, yo fa a ne a le dingwaga tse 17 a neng a latlhegelwa ke leoto fa terekere e ne ya menoga mme ya dikologela mo go ene fa a ne a thusa rraagwe mo merareng ya Carignan.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Mofuta ono ga o kalo mo Afrika Borwa, ka go jalwa go feta fela dihekethara di le lekgolo ka 2016. Bogolo jwa dijalo di kwa Swartland, Paarl le Stellenbosch. Mefeine e e siameng thata ya Carignan go lebega e tswa kwa merareng ya sekgwa ya bogologolo e ntshô-tlhagiso ya yona e lekanyeditsweng.

Kgolô

Mofuta ono ke mogodi wa nonofô, ka ntshô e e kwa godimo e e farologaneng go tswa go 15t/ha go ya go 20t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa go simolola thari mo gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa bobedi sa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa e mentsho, kgolokwe ka bogolo jo bo nnye go ya go jo bo mo magareng. Letlapi le thata le lekima.

Matlhare

Matlhare a magolo, botala jo bo tseneletseng, sebopego sa rectangular ka tsebe tse tlhano.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono o tshabelelwa ke bolwetse jwa go swa ga dikala, phori mme o tshaba botrytis.

Tirisô

Le fa Afrika Borwa e tlhagisa mengwe ya mefuta-nosi ya mefeine ya Carignan, bontsi jwa mofeine bo dirisetswa go kaonafatsa mmala wa metswako e mehibidu, ka mefuta e e jaaka Shiraz, Cabernet Sauvignon le Mouvedre e le ditswaki-mmogo tse di tumileng. Kwa France le Spain gantsi e titielwa le Cinsaut noir, Grenache noir le Tempranillo go tlhagisa mefeine e e nwegang bonolo.

Tatsô

Mofuta ono gantsi o tlhagisa tatsô ya moretlwa, ka metswapolô ya cranberry, strawberry le raspberry.Translated by Nchema Rapoo