Cape Riesling
Tlhaloso
Riesling ya kwa Kapa ke mofuta o mosweu wa semela sa terebe se se simolotseng kwa Fora, mme go le gantsi se jwetsweng kwa Australia le Aforika Borwa. Se jetswe mo Aforika Borwa jaala Crouchen Blanc ka ntlha ya tlhakatlhakano ya leina la Rhine riesling e e farologaneng ya kwa Jeremane.
Tshimologo
Fora
Maina a Mangwe
Go na le makaelagongwe a le 25 a Riesling ya kwa Kapa, fela e itsege gape jaaka Crouchen Blanc, Cruchen, Kaapse Riesling le Paarl Riesling. Go sa e tlhatlhakanye le nne Weisser Riesling ya kwa Jeremane (gape e itsege jaaka Rhine Riesling) Leina la Crouchen Blanc ke le le ratwang mo Aforika Borwa.
Tsweletso mo Aforika Borwa
Go jalwa mo Aforika Borwa go ne ga rotloediwa ke ka ntlha ya mefuta go tswa ka 1926 ba kuno e e kwa godimo. 270 ha tse mo Aforika Borwa e sa ntse e jwalwa ka Crouchen Blanc fela 35ha e ne ya kumulwa ka 2016.
Bontsi ba dijwala bo kwa Breedekloof (110ha) le Paarl (79ha) le go batsweletsi jaaka Theuniskraal (Tulbagh) le Van Loveren (Robertson). Magae a terebe a bogologolo a santseng a le mo tsweletsong a ne a jalwa ka 1962 mo polaseng ya Uitsig.
Kgolo
Crouchen Blanc ke moungwi o o bofefo (se se rayang gore diterebe di sa ungwing ka diako) (10-15t/ha) mme ke mogodi o o maatla o o dirang sentle ka go sekegediwa. E gola sentle mo mebung e e mo magareng mo dikgaolong tse di leng tsididinyana. Palogare ya thobo ya diteng tsa sukiri go simolola ka
20 - 22° ka go gamolola.
Go Butswa
Ke tereeb ya setlha se se bogareng, Crouchen Blanc e robiwa ka tshimologo ya kgwedi ya Mopitlwe, morago ga malatsi a a ka nnang 10 a Chenin Blanc.
Matlhare
Matlhare a bogolo jo bogareng, mareto a ma tlhano ka meriri e e me telele nako mo ditshikeng tse di kgolo.
Borekhu
Crouchen Blanc e na le borekhu jo bo nnye jo bo masisi mo phisong ya letsatsi. Diako ke tse di nnye le go kitlana.
Disenyi le Malwetse
Crouchen Blanc e masisi thata otrytis, oidium, monyo o o bofefo wa kwa tlase Le fa go ntse go tswa go bola brittle ka senyega ka diphefo.
Tiriso
Crouchen Blanc gantsi e dirisiwa mo tsweletsong ya veine e tshweu. Diveine di na le bokgoni jwa go tsofala ge di tsweletswa ka tshwanelo. Bokgoni jwa go tsofala ke go bo ke lobaka lo lo telele jo bo kae veine e ntse mo lebotlolong.
Tatso/Moutlwalo
Semelo sa veine se golagane thata le lefelo la tlhago le maemo a kgolo a a tla go naya kuno ya diveine sekai fa go le tsididi kuno e ka ntsha kuno e e bokowa ya menko e e bojannye mme maemo a a boolo a loapi a ka tsweletsa kuno e e magelejwa ya diveine.
Ka fa tlase ga maemo a kgolo a a siameng, Crouchen Blanc a ka dira diveine tsa boleng tse di tshweu ka boungwa, ka nko e e bokoa mme e le boungo le gale le monko o o kapodisang wa bojannye.
Dikwalo
Go sekegediwa -se se raya gore botsweletsi ba diterebe ba tsweletsa bontsi jwa ditlhopha tse dintsi mme ba di bofa le mo tsamaisong ya megala le dikopantsho (jaaka ya go tlhegelela) ditshireletso di tla nna le mo pepeneneng mo letsatsing mme da butswa ka nako e le esi.
Translated by
Lawrence Ndou