Butterflyfish

© Johan Boshoff

Leina

Butterflyfish

Leina la Bonetetshi

Chaetodontidae

Bogolo

Go fitlha go 25 cm

Tshupo

Sebopego sa lee, e pinelegile mo matlhakoreng. Lofuka lwa dorsal lo lo tswelelang. Mogatlana o kgolokwe kgotsa o mokhutshwane. Molongwana o kobegela ka fa gare mme o atoloswa ke meno a mannye a o kareng ke boratšhe. Tebego ya mebala e e kgatlhisang. Tse dingwe di na le methalo le mela. Tse di ntsi di na le mothalo o o fifetseng go kgabaganya leitlho.

Kitso-kakaretso

Lolapa lwa Chaetodontidae lo na le ditlhopha di le 10 le mefuta ele 114. E tlwaelegile thata ebile e itshupile kwa bontshing jwa matlapan a ka fa tlase ga lewatle a coral. E ja motshegare. E bolola sekgala se se telele gotswa kwa legaeng la yona go batlana le dijo. Nako dingwe e nna le mmala o o timpetseng wa bosigo. Tse dingwe di ipopa setlhopha, fela bontsi bo tsamaya ka dipara. Di beela mae mo lewatleng.

Phepo

E iphepa ka coral polyps, ditlhokamokwatla tse di nnye, mae a tlhapi le bolêlê. Tse dingwe ke baitseanape kgotsa di iphepa fela ka plankton. Tse dingwe tse di santseng di le potlana di dira jaaka ‘baphepafatsi’ ba ditlhapi tse dingwe, ka go kokola bomotlhampepe.

Phasalalo

Di fitlhelwa mo mawatleng a lefatshe a dithemphoritšhara tse di magareng le a kwa kgaolong ya tropic.

Mefuta e e Tlwalegileng

Golden butterflyfish - Chaetodon semilarvatus
Raccoon butterflyfish - Chaetodon fasciatus
Coachman - Heniochus acuminatus