Go Buna Metsi a Pula Ke Eng?

© US Bureau of Land Management

Go buna metsi a pula ke go tsamaisa le poloko ya metsi a pula go tswa mo lefatsheng kgotsa kwa marulelong a meago ka dipeipe kgotsa meedi ya marulelo go ya kwa tankeng ya go boloka metsi. Go kgobokanya metsi a pula go tswa marulelong go phepa thata go feta go kgobokanya metsi a a tswago mo lefatsheng.

Mo ntlheng efe kgotsa efe, go phepafatsa le go tlhotlha metsi a pula pele ga tiriso go a atlanegiswa. Ga se fela go phepafatsa metsi a tsa kwa gae kgotsa a tsa temothuo, fela gape e tla tlosa dikhemikhale, mmu le dileswefatsi mme e tla thibela go senyega ga dipompo ka ntlha ya dilo mo metsing.

Go Tlhoma Bjang Thulaganyo ya go Go Buna Metsi a Pula

Go tlhoma thulaganyo e bonolo ya go buna metsi a pula go tlhoka dilo tse tharo; marulelo pipeipe kgotsa melelwane eo e senang sepe, go tsamaisa metsi a pula, le tanka ya go boloka.

Phepafatsa marulelo le meedi ya marulelo. Fa e le gore meedi ya marulelo kgotsa dipeipi di tshwanetse go tlhongwa, tlhopa meedi ya marulelo ya boleng bo bo siameng ba twantsho ya UV ya PVC le dipeipi tsa kwa fatshe. Netefatsa gore dipeipi di kgokagantswe mo takeng ya metsi. Netefatsa gore medi ya marulelo e motheoga gannye go ya kwa tankeng. Se se tla fedisa kgoboketso ga seretse le metsi a a emeng, go nna lefelo la go tswadisa menang.

Makala afe kgotsa afe a a kaletseng kwa godimo ga marulelo a tshwanetse go tlosiwa go thibela matlakala go tsena mo thulaganyong.

Dirisa ditshiro tsa lethale kgotsa ditlhotlhi mme o di phepafatse ka metlha.

Katogela ya dikhemikhale go tswa kgasetsong e ka nna mo marulelong mme go tloga moo ya iswa kwa tankeng ya metsi. O se ke wa gasetsa dijalo ka letsatsi le le nang le phefo.

Fa o penta marulelo, dirisa pente e e bolokegileng jaaka masaledi a pente a ka gapela kwa tankeng mme ya leswafatsa metsi.

Phepafatsa marulelo morago ga melelo efe kgotsa efe ka mo lefelong. Morago ga fa pula e nele, molora le masaledi di ka gapelwa kwa tankeng ya metsi, ka jalo ya thiba dipompo. Gakologelwa, marulelo a a phepa, metsi a a phepa.

Thulaganyo ya go tlhotlha go phepafatsa metsi pele ga tiriso e ka tlhokega mme e ka nna ka sebopego sa:

Setlhotlhi sa Malao a motlhaba
Ditlhotlhi tse di tswelelang
Tanka ya go Tsepamisa

Ditanka tsa go Boloka Metsi

©Marinda Louw

Tanka efe kgotsa efe ya go boloka metsi e ka dirisiwa, fela netefatsa gore ke e phepa mme e na le ya kwa ntle kgotsa pompo. Tlhoma tanka e kgolo mo go lekaneng, fa go kgonega, e bee mo motheong o o maatla le wa tekanyetso, ya go nna godimo sentle go letlelela metomo go tlatswa bonolo go tswa mo pompong ya tanka. Fa e le gore o aga motheo wa konkriti, netefatsa gore o bonyane ba 85mm ka bokhutswane.

O seke wa dirisa tanka e leng gore e ne e dirisiwa pele go boloka sengwe le sengwe se e leng sa botlhole jaaka mafura a dikoloi, mafura kgotsa dikhemikhale. Fa go kgonega, o seke wa dirisa tanka e e dirilweng ka asbestose. Ditanka tsa metsi di ka dirwa ka polastiki ya polyethylene, konkorite kgotsa lesenke mme e khupetswa ka sethibela ruse. Ditanka tsa ditshipi di swanetse go khupetswa kwa gare ka dikhupetso tsa kgato ya dijo jaaka PVC kgotsa polyethylene. Ditanka tsa metsi tsa polastiki ke tsa theko e e kwa tlase fa ditanka tsa konkrite di ka nna tsa theko e e kwa godimo fela di kgona go boloka metse a le tsiditsana.

Tsaya tsia go tlhomela tanka ya go tshologela go boloka metsi a go feta fa tanka ya ntlha e ftlha mo maemong a rileng. Fa e le gore o dirisa metsi a tanka go nwa, netefatsa gore o a bedisa pele. Gape a tshwanetse go tlhotlhiwa le go alafiwa ka setshweufatsi. Babatlisisi ba Khomišene ya Dipatlisiso tsa Metse ba atlanegisa le senwelo sa ¼ ya setshweufatsi ka 5 000 ya dilitara tsa metsi

Nna le senotlelo mo pompong ya tanka go thibela phitlhelelo ya tanka ya metse. Thibela motho ofe le ofe go namela kwa godimo ga tanka, e ka wela kwa gare ka kotsi le go kgangwa ke metsi.

Translated by Lawrence Ndou