Mekgwa e e bokoa ba pabalelo ya mmu le phediso ya dikgwa di isa kwa kgogolegong e kgolo ya mmu le go fokotsega ga boleng ba naga. Oketsa go se ditlamorago tsa komelelo tse di senyang mo metsing a kwa fatshe mme dipoelo mo dipolaseng tse di sa tlising puno, balemirui ba tlogetse dipolase tsa bona, go fokotsega ga ntshokuno ya dijo le bohumanegi.
Go buna metsi a pula go tshegetsa ditlhabologo tsa kgale mengwaga e fetang 3000 e e fetileng. Kajeno, go buna metsi a pula ke tiriso e tshwarelelang e e dirisang ke bobedi bantshakuno ba ba nnye le balemirui ba kgwebo. Godimo ga moo, pabalelo ya metsi e botlhokwa thata go netefatsa gore metsi a go dirisiwa ka moso le metswedi e e maleba ya katoloso ya temothuo.
Puno ya meetse a pula ke fa metsi a pula a kgobokantswe go diriswa go lemarua kgotsa mo gae. Mekgwa ya go buna metsi a pula e akaretsa faposo, kgobokanyo le go boloka metss a a elelang. Metsi a ka kgobokanywa go tswa go mela ya kelelaleswe ya metsi a tlhago e e jaaka melelwane le meedi, go tswa kwa bokagodimong ba kwa fatshe le mo marulelong a meago. Metsi a pula a ka bolokwa mo metomong, ditankeng kgotsa matamong. Gantsi metsi a pula a bunwa mo gare ga matamo a a seng boteng moo a diriswang mo nosetsong fela gape a ka letlelelwa go monyelela kwa gare ga mmu go maatlafatsa metsi a kwa fatshe sešwa. Metsi a kwa fatshe a neelana ka metsi mo metsweding le didibeng.
Pabalelo ya metsi ke tshireletso, tlhabololo le bolaodi bo bo dirang sentle ba metsi. Kwa nosetsong, pabalelo ya metsi e lopa gore metsi a mantsi ka moo go kgonegang a tshwanetse go tsenelela mmung go fokotsa moyafalo le go elela fela ga metsi.
Mehlala tsa pabalelo ya metsi di akaretsa tse di latelang:
Go dirisa lefša le di dirisa metsi gape - jaaka le go dirisa metsi a go tlhatswa go nosetsa merogo.
Nosetša dijalo ka mekgwa e e botlhale – nosetsa e seng gantsi fela ka botlalo mme o se nosetse ka nako ya mogote wa letsatsi.
Siamisa dipompo le dipeipi tse di dutlang.
Jala dijalo tsa setlogo le dijalo tse di maleba go tlelaemete le tikologo ya selegae.
Ke eng kgokagano magareng ga mmu le metsi?
Mmu ke letamo le le kgolo go gaisa la metsi le sebopego se sentle sa mmu se tla thusa ka poloko e siameng ya metsi. Kelo ya go mona metsi mo mmung e ikaegile mo dintlheng a jaaka mofuta wa mmu, fa dijalo di jalwa mo mmung, popego ya mmu le meola wa mmu.
Ge metsi a bolokilwe mo mmung, medi ya dijalo e ka kgona go fitlhelela metsi a a bolokilweng mo mmung. Le fa go le jalo, pabalelo ya mmu e botlhokwa go tshwara motheo o nnoneng mo djalong tsa go nona gammogo le go neelana ka metsi a letamo ka ntlha ya dijalo. Se se ka dirwa ka khupetso e e jaaka masalela a dijalo. Se se oketsa tsenelelo ya metsi mme se okobatsa themperetšha ya mmu, ka jalo e fokotša moyafalo.
Mekgwa ya dikao e e oketsegileng ya pabalelo ya mmu e akaretsa go se leme kgotsa mekgwa ya go lema gannyenyane fela, go lema mo sejaneng, ka go dirisa monontsha le go jala dijalo tse di sireletsang mmu. Go lema mo sejaneng ke go suga mmu mo sejaneng se se nnye kgotsa letamo le le seng boteng le tlhomilwe kwa pele ga mmoto mo mokgokoloseng. Metsi a eledisa kwa sejaneng mo nakong ya pula, ao a monegang bonolo fa mmu o lemolotswe.
Go kgoboketsa metsi a pula go na le mesola e mentsi. Fa go bunwa metsi a pula mo mokgokoloseng kgotsa mmotong, go ka thibela kgogolego ya mmu e e tlholwang ke kelelo ya metsi morago ga dipula tse di matla. Dibopego tsa go buna metsi a pula di bonolo go di aga, ga di tlhloke didiriswa tsa theko e e kwa godimo mme di kwa fatshe ka tlhokomelo.
Go buna metsi a pula go fokotsa nako ya go kgobokanya metse go tswa dintlheng tsa metsi le dinoka e bile go ka thusa lapa go ikaega ka metsi a lona, tota tota fa go bunwa metsi a pula go tswa kwa marulelong.
Translated by Lawrence Ndou