Bothibelelo jwa Baamamisa-Tumelo jwa Ntlha kwa Namaqualand

Bothibelelo jwa Pella

©Jacques Marais
Ka go tlhoka tlwaelô, bokhutlo jwa bothibelelo jwa baanamisa-tumelo jwa ntlha kwa Namaqualand, ga bo a tlhapa. Bangwe bare bo ne ba tlhaselwa ke Bushmen, ba ba bolaileng moruti le lolapa lwa gagwe, mme ba baka gore badudi ba tshabe. Ka totobalo moeti George Thompson o begile, ka 1824, fa lefelo le phuagantswe, fela o ne a bona bothibelelo jo bongwe diura di le mmalwa gotswa fao kwa T’Kams – mme moruti yo o tshwereng marapo a tlhalosa fa ba ne ba tshwanela ke go huduga ka motsi wa dikgwedi tse di omeletseng go bona metsi. Bangwe bare bothibelelo bo itshokile (gongwe ka fa tlase ga tshegetso ya Kereke ya Rhenish) pele bo phuaganngwa ka 1872 ka ntlha ya komelelô e e feteletseng e e padimotseng kgaolo.
Se se salang, Bakatoliki ba tlhomile bothibelelo jwa bona jwa ntlha mo Namaqualand kwa Springbok ka 1869. Ka maswabi, go gola ga koporo e e neng e rwele maikarabelô a go bopiwa ga toropo go ne go nyeletse mme lefelo le ne le tlhaela thata ka Bakatoliki ba ba ka rerelwang. Ka go tlhoka boineelo, Father Gaudeul yo o maikaelelo, gotswa kwa France, o ne a sweetsa go tsaya marapo a kereke kwa Pella. Jaaka histori e e kwadilweng ke Katoloki ya bothibelelo jwa Pella e gopola ka go feteletsa, “fa MaLutere ba utlwa ka ga ditiragalo tseno, ba ne ba kwalela kwa Kapa mme ba dira kemokgatlhanong e e tiileng, fela makwalo a bona a gorogile fa tshotle di ne di setse di rarabolotswe. Go ne go na le selelo le khuranyo ya meno, fela go ne go weditswe’.
Alea jacta est, ka nnete. Ka 1878, Pella e ne e na le badudi ba le 100, ba le 50 ba bona e ne ele Bakatoliki. Ka 1882, Father Jean Marie Simon o ne a goroga kwa bothibelelong jo bo boikobo jo bo kwa kgakala-kgakala. Ene le badirammogo ka ene ba ne ba tswelela go aga kereke le ntlo ya baitshepigadi, ba dirisa encyclopedia fela go ba kaetsa mo matsapeng a bona a popegotheo. Go tsere dingwaga di le 7. Father Simon o ne tswelela go dula kwa Pella go fitlha a tlhokafala ka 1932, morago ga dingwaga di le 50. O ne a itsagale jaaka ‘Bishop ya Basarwa’ mme e ne ele motho yo o tlotlomadiwang mo kgaolong. Gotswa kwa Pella, Kereke ya Katoloki e ne ya tswelela go tlhoma mathibelelo a mangwe go ralala Namaqualand, Bushmanland le Hantam Karoo.

Tshegofatso le Bosula

Mathibelelo a baanamisa-tumelo a a farologaneng, Protestant le Katoliki ka go tshwana, a bontshitse fa ele tshegofatso le bosula. Ka fa go le lengwe, ane a na le maokelo, dikolo le dikereke, mme ka jalo ane a bopa kgokagano ya tshegetso-setšhaba go baKhoiKhoi le Bastaards ba ba neng ba faraferwe ke mathata, mme ba ikoka gotswa mo ditlhaselong tsa trekboers le interlopers ba bangwe ba sešweng.
Fela ka fa go le lengwe, metse ya leruri e e godileng go dikologa mathibelelo e rotloeditse mokgwa wa bodulo o o botlapa, o o tsentseng letsogo mo kwelotlaseng ya botshelo jwa setso jwa khudugo. Mo dingwageng tsa morago, fa sekolo se nna pateletso go bana botlhe, mathibelelo a baanamisa-tumelo e ntse karolo e e botlhokwa mo botshelong jwa baKhoiKhoi, mme ka jalo a kokotela sepekere sa bofelo mo lekaseng la khudugo ya diphologolo le batho goya ka setlha.
Diteme tsa selegae tsa Khoikhoi le tsona di amegile ka ntlha ya thuto ya baanamisa-tumelo. Ke baYuropa ba le mmalwa ba ba neng ba kgona puo ya go thwantsa leleme ya diteme tsa selegae tse di farologaneng mme, le fa dikwalo dingwe di ne tsa ranololelwa kwa ditemeng tsa Khoikhoi, bogolo jwa dipuisano magareng ga modisa le motlhape bo ne bo dirwa ka se-Dutch le English. Ka ntlha ya seo, ke fela puo ya Nama (e e buiwang kwa Richtersveld le borwa jwa Namibia) e e santseng e tshela gompieno – mofalodi ale esi wa setso sa puo se se atologileng se se kileng sa bo se apesa bogolo jwa Afrika Borwa.

Thekete ya Bodudi

Kwa bokhutlong, baanamisa-tumelo go ka kaiwa fa ba ne ba le tlhotlholetso e e tsepamisang fela e tletse kgoreletso kwa Namaqualand. Ba tlametse ka mefutafuta ya ditirelo tsa setšhaba tse di botlhokwa, mme ba neela batho ba selegae lentswenyana la sepolotiki. Mo mabakeng ale mantsi, mathibelelo a baanamisa-tumelo ane gape a lwela ‘thekete ya bodudi’ e e neng e netefatsa bodulo jwa leruri go batho ba selegae mo lefatsheng le le gaufi le bothibelelo.
Seno se ne se tota sele botlhokwa mo motsing wa tsenelelô ya balemirui ba basweu le, moragonyana, ditlamo tsa moepo. Fela tseno tsotlhe di tlile ka tlhwatlhwa, mme puso gantsi e ne e fedisa dithata tsa dikgosi tsa merafe le go di neela ditlhogo tsa mathibelelo mo boemong jwa seo. Mathibelelo gape ane a pateletsa badisa ba ba tlhotlhomang ba baNama go dula mo lefelong le le lengwe, mme ka jalo a nyatse mokgwa wa setso wa botshelo jwa bona. Jaaka ba bua, Modimo o file mme Modimo o tsere gape.

Translated by Nchema Rapoo