SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedBolemirui jwa Pidipidi mo Afrika Borwa

Bolemirui jwa Pidipidi mo Afrika Borwa

© Louise Kolbe Duck House farm

Tsemapiso-tlhaloganyo e kgolo ya thuo-pidipidi mo Afrika Borwa e mo tlhagisong ya nama. Nama ya pidipidi ka bogolo e rekisetswa marekisetso a dijo le dinô a maemô a a kwa godimo ka tlhamalalo, le mabenkele-magolo mangwe, mabenkele a nama le kwa mebarakeng ya balemirui. 

Ke mmaraka o monnye o o itlhaotseng o o nang le dikgwetlho tse di rileng; ga se fela matshosetsi a a akaretsang mohikela wa dinonyane le kgaisano ya direkwa-ntle tsa tlhwatlhwa-tlase, mme fela ke mmaraka o o nang le kgônagalô e kgolo ya kgolô, segolobogolo kwa Kapa Bophirima. Balemirui ba ba ntšhwa ka jalo ba kopiwa go dira dipatlisiso le go bopa mmaraka o ba o lepileng pele ba simolola. 

Motseletsele ono wa dikwalo o leba bolemirui jwa nama ya pidipidi ga mmogo le ditlhagiswa tse dingwe tse di amanang le pidipidi. 

Translated by Nchema Rapoo

Tlhagiso ya Nama ya Pidipidi

Bolemirui jwa pidipidi ya nama ke mmaraka o o itlhaotseng mo Afrika Borwa ka dipolase-potlana di le mmalwa tsa free-range tse di tlamelang m...more

Ditlhagiswa tsa Pidipidi

Nama ya pidipidi mo Afrika Borwa e rekiswa ga golo e gatseditswe yotlhe kgotsa ele nonyane e e foreshe....more

Tsela ya Bolemirui ka Dipidipidi

Bolemirui jwa pidipidi jo bo totileng tlhagiso ya nama ke bodirelo jo bo nnye fela jo bo golang mo Afrika Borwa....more