Batho Ba Emetse Go Tlhopha Lwantlha Mo Ditlhophong Tsa Afrika Borwa Tsa Ntlha Tsa Temokrasi

© Dr Peter Magubane
Batho ba eme diura go ka tlhopha lwantlha mo ditlhophong tsa ntlha tsa Afrika Borwa tse di gololesegileng mme di sa kgobelele tsa baagi botlhe.
Morago ga dingwaga di ka nna 300 batho ba mmala ba kgona go tlhopha mo Afrika Borwa, diketekete di eme mela go dira tlhopho le go fetola naga gotlhelele. “Ga ke batle gore basweu ba tsamae”, go buile Christina Vanqa wa dingwaga di le 80, mosadi wa montsho, mothusi wa kwa gae yo a sa tswang go rola marapô, yo a itumeletseng go ema mola ka 5 A.M go dira tlhopho ya bosetšhaba ya ntlha. “Re batla go dula le bona re age Afrika Borwa mmogo.”

“Gompieno ke letsatsi le le sa tshwaneng le a pele ga lona”, go phatlhaladitse Nelson Mandela, yo a neng a tlhophiwa jaaka tautona ya ntlha ya setšhaba se se agwang seša, a phatlhalatsa seno dingwaga di le nne morago ga go gololwa gotswa dingwageng di le 27 tsa kgolego ya tlhaolele. “Go tlhopha mo ditlhophong tsa rona tsa ntlha tse di gololeseging di sa gobelele go simologile semmuso. Gompieno go tshwaya tlhabo ya kgololosego ya rona.”

“Ga gona tsamao e e bonolo go ya kgololosegong gope.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more