Nelson Mandela Le Bagaisanela-Ditlhopho Ba Ba Gaisang Le Ene Ka Lenaane La Ditlhopho Tsa Afrika Borwa Tsa 1994

© Dr Peter Magubane
Bagaisanedi ditlhopho ka motsi wa lenaane tlhopho: Nelson Mandela, F.W. de Klerk, Roelof Frederik
Ditlhopho tsa Afrika Borwa tsa 1994 e ne e le sengwe se se sa tshwaneng le sepe. Nelson Mandela morago ga go golegwa ga gagwe dingwaga di le 27 o ya kwa pele go dira ngangisanô ya gagwe e e maitseo. F.W de Klerk o tla nna karolo ya tshwaraganelo puso ya ga Mandela le fa a ka latlhegelwa ke ditlhopho, go mo dira mosweu wa ntlha go dira ka fa tlase ga tautona ya ntlha ya montsho.
'Ke akanya fa re le sekai se se phatsimang go lefatshe lotlhe la batho ba ba gogilweng gotswa mo ditlhopheng tsa merafe e e farologaneng ba na le boikanyêgô jo bo tshwanang go naga ya bona', ga bua Nelson Mandela. Go sa kgathalatsege tshwaô-diphôsô ya me go De Klerk, rre”, o ne a bua, a retologela kwa mogaisaning wa gagwe, 'o mongwe wa ba ke ba tshepang go samagana le mathata ano mmogo.'
'Ke lebogela mafoko a mantle, Rre Mandela...re direla poelano ya setshaba mmogo.”

“Fa o batla go dira kagiso le mmaba wa gago, o tshwanetse go dira le mmaba wa gago. Mme e nne modirammogo wa gago.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more