Nelson Mandela O Naganela Potso Ya Mmegadikgang Mo Ketelong Ya Gagwe Kwa U.S.

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela o naganela potso ya mmegadikgang ka motsi wa ketelô ya gagwe kwa U.S.
Amerika le Yuropa ba lebile go Tautona Mandela le Afrika Borwa go nna naga e e maatla mo Afrika, motshola-kagiso le sefetlhi sa ikonomi. Amerika le Yuropa ba tshololetse dimilione tsa didolara mo Afrika mo dingwageng tse di ntseng di feta mme ntse ba sa kgatlhegele dipoelo. Bontsi jwa lehumo leo le feletse mo diatleng tsa bangwe ba baeteledipele ba Afrika fa dinaga tsa bona di tswelela go nwela mo tshenyegong.
Tautona Mandela o ne a fofisetswa mo maemong a boeteledipele mo kontinenteng mme a thusa go tima melelo kwa Lesotho mme a ntse a tsenya thotloetso kwa Nigeria, Mozambique le dinaga tse dingwe. Fela Tautona Mandela o ne a lemoga serai se se phepa se a ka welang mo go sona – go nna sesupo sa mmoloki mo Afrika fa tlhakatlhakanô e runya fa gae. Mme ka botlhale o ne a tlhopha go tsaya maemô a a kelotlhoko mo Afrika fa a tsaya thata tsiya mathata a gagwe a mo gae.

“Go taboga go nthutile dithuto tse di botlhokwa. Mo tabogong ya sekgala se se leele, go ikatisa go botlhokwa go feta bokgoni, mme nka lekalekanya tlhokego ya bokgoni jwa tlhago ka go dira ka natla le ka boitshwaro. Ke diragaditse seno go sengwe le sengwe se ke se dirileng.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more