Tautona Nelson Mandela O Dutse Fa Tafoleng Ya Gagwe A Buisa Lolwalodikgang Mo Kantorong ya Gagwe kwa Union Building

© Dr Peter Magubane
Tautona Nelson Mandela o dutse fa tafoleng ya gagwe a buisa lokwalodikgang mo kantorong ya gagwe ya kwa Union Buildings.
Mandela o ntse nako e le ntsi ya gagwe kwa kantorong ya gagwe fa a ne a sa bolole le lefatshe. O ne a amogela bontsi jwa baeng ba gagwe fa tafoleng ya gagwe kgotsa mo ditilong tse di tshegetsang matsogo mo felong ga boitapoloso. Ke fao a neng a tshwarela dikopano tsa bobegakgang teng, le go amogela batlhomphegi mme nako dingwe a tlisa baeng kwa monyakong wa kwa pele gore ba tsewe ditshwantshô ke bobegadikgang jo bo letileng.

Go simolola ka 2004 Mandela o dumetse go “rola marapô mo itholô marapông” le gore Foundation ya gagwe e tlile go fetoga ka go bonala. O abetse dipampiri tsa gagwe go Nelson Mandela Foundation mme a e laela go gatisa tsa botshelo le dinako tsa gagwe. Kantoro ya ga Mandela e bolokilwe go nna ka mokgwa o a e tlogetseng ka ona fa a ne a feleletsa go ya teng.

Kantoro eno ga jaana ke karolo ya dipontsho tsa leruri. E tlhomilwe ka thuso ya letlole gotswa kwa National Lottery, mme Nelson Mandela Centre of Memory e emetse tshamagano e ntšha ya Nelson Mandela Foundation.

“Thuto ke sebetsa se se maatla se o ka se dirisang go fetola lefatshe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more