Bakaulengwe ba kopana Gape: Nelson Mandela le Oliver Tambo

© Dr Peter Magubane
Bakaulengwe ba kopane gape: Oliver Tambo le Nelson Mandela ba kopana lwantlha mo mmung wa Afrika Borwa fa e sale Tambo a boile go tswa botshabelo jwa dingwaga di le 30 ka di 13 Sedimonthole 1990.
Oliver Tambo e ne e le morutabana wa moAfrika-Borwa, rramolao le molwela-ditshwanelo kgatlhanong le tlhaolele yo a ileng botshabelo ka bo-1960.
O ne a batla go ithutela bongaka, fela go ne go sena yubesithi e e amogelang baithuti ba bantsho ka nako eo mme o ne tlhopha go ithuta dipalo kwa University of Fort Hare kwa a kopaneng le Nelson Mandela lwantlha teng. Ka 1942 o ne a kopana le Walter Sisulu kwa Johannesburg mme a nna karolo ya setlhopha sa dirutegi (se se neng se akaretsa Nelson Mandela) se se neng se tsosolosa African National Congress (ANC).
Tambo o falotse jaaka mmueledi ka 1952 mme o ne a kopiwa ke Mandela, yo e neng e le rramolao, gore ba dirisane mmogo. Ba ne ba tlhoma dikantoro kwa Chancellor House kwa Johannesburg jaaka fêmê ya tsa molao Mandela le Tambo.
Tambo o ne a le kwa botshabelo dingwaga di le 30, a bolola thata go ka ngokela ANC tshegetso le go tlhalosa seemo sa tlhaolele mo Afrika Borwa. O fane ka lefoko kwa UN ka 1963 kwa topo ya gagwe ya gore bagolegwa ba sepolotiki ba gololwe e amogetseng legofi.
Go tshwantshitswe fano Oliver le Nelson ba kopana lwantlha mo mmung wa Afrika Borwa fa e sale Tambo a bowa gotswa dingwageng di le 30 tsa botshabelo ka di 13 Sedimonthole 1990.

“Jaaka ke ne ke tswa ka lebati go ya kwa kgôrông e e tla isang kwa kgololosegong ya me, ke ne ke itse gore fa ke sa tlogele tšhakgalô le letlhôô kwa morago, ke tla be ke santse ke le mo kgolegelong.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more