Mandela mo Life Magazine ka Moranang 1990

© Dr Peter Magubane
Tshwantshisô ya tlhare-pedi ya botswerere e e tlhageletseng mo Life Magazine, Moranang 1990
Life Magazine e ne e le magazine wa kwa Amerika o o neng o lebile thata bobegadikgang jwa ditshwantsho. O ne wa rekwa ke Time ka 1936 mme wa tswelela go gatisa beke le beke mme morago ka kgwedi go fitlhelela ka 2000. Nelson Mandela o tlhageletse mo Life Magazine kgwedi morago ga go gololwa gotswa kgolegelong ka 1990. E ne e le setshwantsho sa boganka se se neng se tlhagisa botshelo le kgaratlho tsa gagwe go bona kgololosego. Ga e sale fao Mandela o tlhageletse mo di magazine tse di farologaneng go ralala lefatshe, go akaretsa Time Guardian, Drum le New Yorker.

“Morago ga go pagama thabana e e gaisang, o tla lemoga fela gore gona le dithabana tse dingwe di le dintsi tse di tshwanelwang ke go pagangwa.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more