Letsatsi La Kgololo Ya Nelson Mandela Gotswa Kgolegelong

© Dr Peter Magubane
Letsatsi la kgololô ya ga Nelson Mandela go tswa kgolegelong. Peter Magubane o a tshotse lere (e e mo godimo ga sejanaga) go gatisa sebaka seno, fela a retelelwa ke go atumela sentle.
Ka di 11 Tlhakole 1990, letsatsi le Madiba a golotsweng kwa kgolegelong, boidiidi bo kokoane kwa kgolegelong ya Victor Verster kwa Paarl go keteka kgololosego ya gagwe. Mohumagadi wa gagwe, Winnie Mandela, o ne ana le ene. Morago ka letsatsi leo o ne a fana ka lefoko go diketekete tsa batho gotswa mo lethuding a City Hall kwa Cape Town.
Magubane o ne a tsere llere (e e fa godimo ga sejanaga) gore a gatise Mandela fa a fana ka puo gotswa mo lethuding, fela a retelelwa ke go atumela. Fa ba tswa ka sejanaga, motsayaditshwantsho Dr Peter Magubane o ne a gatisa sebakana mo go sone Winnie a lebang setsayaditshwantsho kwa morago, ka lokwalodikgang mo setshwantshong lo lo kwadilweng “FREE!”. Setshwantsho seno ke sa boganka sa ga Peter Magubane, jaaka a ne a na le bokgoni kwa go gatisa dibakana tse di kgethegileng mo gare ga motlha o o tlhakantsuke.

“Morago ga go pagama thabana e e gaisang, o tla lemoga fela gore gona le dithabana tse dingwe di le dintsi tse di tshwanelwang ke go pagangwa.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more