African Green Pigeon
Leebamoru

© Nigel J Dennis
African Green Pigeon.

Leina

Leebamoru [Treron calva]

Tebego

Karolo tsa mmele tse di kwa godimo di mmala wa botala jwa tlhaga jo bo setlhana go ya go jwa botala jwa tlhaga jo bo serolwana, dirope tsa ona di serolwane ka mmalanyana o o kareng o phepole mo maphukeng.
Mafofa a mmele a a botala jwa tlhaga a fana ka boiphitlho jo bo siameng mo godimo ga ditlhare. Melongwana ya ona e mehibidu kwa thitong mme a masweu kwa dintlhaneng. Dinao le tsona di khibidu.

Phepo

Di ja maungo a a jaaka motlhatsa.

Tsadiso

Motsheganong go gitlha Tlhakole ke nako e e tlwaelegileng ya tsadiso. A aga sentlhaga se se sareng sepe ka dithupana le matlhare mo makopanelong a dikala tse di kima tsa setlhare. Lee go ya go le a mabedi aa beelwa.
Ditsuwane di thuthuga morago ga matsatsi a ka nna 13. Tiro ya tonanyana ke go batlana le dikalana go tlisa go tshegadi kwa sentlhageng, tshegadi e ya di nna. Tshegadi e tlhopha felo fa e tlileng go aga sentlhaga teng mme tonanyana e fana ka didiriswa tsa go aga sentlhaga. Ke batsadi ba ba siameng ele tota. Ba elema ka dinako tshotlhe mme ga nke ba tlogela sentlhaga se lo loleya.

Maitshwaro

Gantsi a rata go phedisana mmogo, a phela ka ditllhotswana. A tsoma go tswa mo ditlhareng a isa maphuka godimo le tlase go itshegetsa, nako dingwe a ikadietsa, tlhogo e lebile tlase. Mafofa a mmele a a botala jwa tlhaga a dira boiphitlho jo bo matsetseleko. Phofo ya ona e bonako mme e lebagane.

Tulo

Sekgwa, segolo bogolo sa kwa dinokeng le sa motlhatsa.

Di fitlhelwa kae

Maebamoru a fitlhelwa kwa Zimbabwe, bokone le botlhaba jwa Botswana, bokone jwa Namibia, Mozambique, Profense ya Bokone, Mpumalanga le lebopo le le kwa botlhaba jwa Afrika Borwa.