Taolô ya Borulêlô

© Louise Brodie
Taolô ya borulêlô ke tsela e maotlhogela a morara le matlhare a laolwang ka tsela e e dirang gore go nne le ntsho e e siameng ya boleng jo bo siameng jwa mefuta e e farologaneng ya mofeine. Mabaka a taolô ya borulêlô ke:
Gore go nne le palo e ntle ya matlhare a a itekanetseng.
Gore matlhare a bona marang a letsatsi le gore ga go moriti o o feteletseng ka mo gare ga morara.
Go netefatsa gore matlhogela a a sa nonang a seke a feta a a nonneng.
Go thibela kgolo ya sejalo ka nako ka tsela ya go kera le go koba dikalana gore dikotla le metsi otlhe a ye pele kwa dingataneng.
Go netefatsa gore phefo e foka mo motlhogeleng le mo matlhareng gore matlhare a kgone o oma ka pele go efoga malwetse a fungal.
Gore matlhare a merare a kgone go itirelanjo ka lesedi sentle, go siame thata gore a tlhabiwe ke letsatsi. Fa borulelo bo le bokima thata marang ka bonnye a tsenelela matlhare-gare mme seno se koafatsa tiro ya ona. Matlhare a a serolwana ka fa gare ke sesupo sa marang a letsatsi a le mannye mme seno se isa tlase boleng le ntsho ya tshimo. Taolô ya borulêlô e e siameng e tshola merara e ungwile gore e tlhagise ntsho-kungo e e siameng ngwaga le ngwaga.
Go simolola ka Ngwanatsele go fitlha Sedimonthole marang mo makukunyeng a botlhokwa thata go bopa ngatana ya sethunya ya kotulo ya ngwaga o o latelang. Taolô ya borulêlô e e matsetseleko e kaonafatsa seemo se se potlana sa bosa mo gare ga morara. Lesedi le mowa tse di lekaneng di tshwanetse go nna teng ka ntlha ya gore morara o o kitlaneng o nna metsi sebaka mme o ka baka malwetse a mangwe gape a fungal.

Ditsela tsa Taolô ya Borulêlô

Go monyêla tlhogo ke go ntsha matlhogela otlhe a a sa tlhokegeng go tswa mo borulêlông jwa merara e e rupisitsweng. E ka nna ya tswa e le matlhogela otlhe a a sa tshwareng diterebe, makukunya mo dikalaneng mme mo sesaneng kgotsa matlhogeleng ke lekukunya le le fa gare ga dirwadi. Go ntsha matlhogela a a sa tlhokegeng go rotloetsa go hema ga sejalo, go tokafatsa marang a letsatsi mo borulêlông mmd dikotla di oketsegela matlhegela a a setseng. Matlhogela ano a a monyêlwang, gantsi a moreba, ka fa a tlhoga go tswa mo koteng e e fetang ngwaga ka bogolo. Fa godimo ga fao, matlhogela ka bontsi mo morareng a tlhagisa borulêlô jo bo kitlaneng jo bo ka bakang go sa none.
Go monyêla tlhogo gantsi go diragala ka dikgato di le mmalwa. Fela fa morago ga go phanya ga lekukunya fa matlhogela a le boleele jwa 2-5 cm, go ntshiwa ga lekukunya go dirwa go ntsha makukunya a a rurugileng a a sa batlegeng le matlhogela a mannye go tswa mo morareng. Sa bobedi matlhogela otlhe a a fa gare ga dirwadi a monyêllwa, ntle fela le fa serwading se ša se senang go tlhoga teng. Go monyêla ga boraro go dirwa fa matlhogela mo serwading a le boleele jwa 15cm. Ka nako eo gona fela le matlhogela a le mabedi go ya go le a mararo a a setseng mo serwading. Dianyi (matlhogela a a sa batliweng) di tshwanetse go nna khutshwane fa di ntshiwa gore go se tlogelwe dinthô tse kgolo. Go monyêla go tshwanetse go dirwa go sale gale mo setlheng.
Tipping ke go ntshiwa ga ntlhana e e golang (2-5 cm) go tswa mo matlhogeleng. Seno se dirwa ka seatla go ralala setlha.
Topping ke go ntsha 15-25 cm go tswa mo matlhogeleng. Mo tshimong e e tiileng e nonofile, boleele jo bo ka nna 60cm bo ka kgaolwa go tswa fa pele ga letlhogela gore tshimo e bulege. Gantsi go diriswa metsheni.
Go beiwa ga matlhogela ke fa badiri ba kgoromeletsa matlhogela a a medileng kwa ntle ga borulêlô fa gare ga megala gape mme ba e gogele kwa godimo go bapa le thulaganyo ya trellis.
Defoliation ke go ntsha matlhare go tokafatsa maranng a letsatsi mo borulêlông jo bo kitlaneng mme lesedi le lentsi le kaya gore seitirelonjo se sentsi. Mo Afrika Borwa diterebe di tshwanetse gore di nne fa morago ga boalô jo bo nosi jwa matlhare. Marang a mantsi mo makukunyeng a fa dithitông a botlhokwa go oketsa monônô. Borulêlô bo tsenwa ke mowa fa matlhare a ntshitswe mme seno se netefatsa taolô e e botoka ya malwetse. Matlhare a tshwanetse go ntshiwa go sale gale mo setlheng, fa morago ga thunyô fa marang a le mantsi mo diterebeng a tlhokega. Seno se netefatsa khupetso e e botoka ya matlhare moragonyana mo setlheng fa go le bothitho. Defoliation e dirwa ka setlhotshwana. Fao tshenyego ka ntlha ya go fisiwa ke letsatsi e ka etsagalang teng, matlhare a tshwanetse go ntshiwa fela mo letlhakoreng le letsatsi le phatsimang teng mo mesong.
Taolô ya sejalô ke go ntshiwa ga dingatana tsa diterebe go thibela kgolofalo mo matlhogeleng a mannye kgotsa a a bokoa. Seno se thibela mmala o o sa siamang mme se tokafatse go gola ga moretlwa. Gore go tlhagisiwe diterebe tsa boleng jo bo kwa godimo, nako nngwe go botlhokwa go ntsha dingatana tse dingwe. Fela tshekatsheko e tshwanetse go dirwa go batlisisa gore ke dingatana di le kae tse di ka ntshiwang. Seno gantsi se ama mefuta ya diterebe tsa mofeine o mohibidu.

Translated by Nchema Rapoo