Puff Adder

© Nigel J Dennis

Leina

Puff Adder [Bitis arietans]

Mophato

Reptilia

Tlhomagano

Squamata

Lelapa

Viperidae

Mophato wa Dibopiwa

Common Puff Adder [B. a arietans], Somali Puff Adder [B. a. somalica]

Botelele (Namagadi)

1 100 mm

Botelele (Tona)

1 090 mm

Ponalo

Noga e e bokima, ka mmele o o bonalang, mme e na le tlhogo e kgolo, e e kgutlotharo mme ele sephaphathi, diphatlha tsa nko di dikgolo mme di lebelela kwa godimo. Mmele o motswako wa mmala wa lephutse le borokwa go ya go bosetlha, ka di-chevron tse dibontsho mo mokwatleng le di-bars mo mogatleng.

Phatlhalatso

Gotlhelele mo go, Kwa bokone kgabagare le Afrika yotlhe go fitlhella kwa Borwa ba Arabia.

Tsalo

E tsala bana ba le bantsi ka nako e le nngwe, gantsi go ka nna 20 – 40 ya bana, ba tsalwa kwa bofelelong jwa paka ya selemo.

Botlhole/Bogalaka

Cytotoxic.

Dijo

Rotwe, metlha e mengwe e ka ja dinonyane le dinogana tse dingwe.

Di-Field Notes

Puff Adder e loma le go bolaya batho ba le bantsi mono Afrika go feta dinoga tse dingwe ka lebaka la mokgwa wa yone wa go sa tshebe fa e ka utlwa mongwe a e atumela. Se e tla se dirang ke go hemela kwa godimo go go tsibosa, mme seo ke lone lebaka la gore e fiwe leina le la ‘Puff Adder’.