Mountain Ground Squirrel

© Marinda Louw

Leina

Mountain Ground Squirrel [Xerus Princeps]

Ponalo

The mountain ground squirrel e kile yabo e tsalanywa le Cape ground squirrel mme ga e sale bonwa jaaka moikemedi ka e sa tsalane le species se sesngwe. E itsiwegapa ka leina la Kaoko ground squirrel. E tona nyana mo go Cape ground squirrel ka mmele ka bokete jwa 1.4kg. Mogatla le maoto a yone kwa morago a matelele nyana mo go a Cape ground squirrel. Mmele wa yone kwa godimo o mmala o bright-fawn ka mothala o mosweu o o elelang mo mokwatleng wa yone.
E na le bosweu mo mpeng ya yone ka mogatla wa yone o o nonneng o bontsha mabanta a mararo aa mantsho fa Cape ground squirrel e bontshagatsa mabanta a le mabedi fela. Meno a yone a bonala a le mmala oo serolwana e seng bosweu. Mmele o bonala e le borethe go phala a balosika la yone.

Dijo

Di ja dijo tsa boleng jo bo kwa godimo, jaaka di-bulbs, dikutu, dijalo tse ditala le dipeo tsa Acadia. Ka dinako tse dingwe di ka palamella botelele jwa dimitara dile pedi mo ditlhareng gore di bone matlhaka a matala, diberries le dinta tsa setlhare sa mopane.

Tsalo

Di tsala bana ba ka nna bararo morago ga lebaka la malatsi a le 48 a go ima. Se gantsi se diragala ka selemo se le mo magareng fa mme nako ya tsalo e ka etegella go fitlha mariga.

Mekgwa

Di runya mo mesimeng fa letsatsi le tlhaba mme di matlhagatlhaga motshegare. Go Go itepaganya le maemo a a bokgwakgwa a tikologo di tsamaya ka ditlhopha tse dinnye, mme ka nako engwe di tsaya ka bobedi.
Di epa mosimana go gare mafelong a a matlapana. Mesima ya yone e botlhofo thata mo go a agiwang ke Cape ground squirrel ka ga one a nna le sentlhaga se le esi fela. Di ka tsaya tikilogo e lekana le dihectara dile 40 fa di ka nnang teng gore dimelo tsa fao.

Manno

Mountain ground squirrel e nna mo mafelong a komelelo.

Kwa Dibonwang Kwa Teng

Di ka bonwa kwa lefatsheng la Angola, Namibia go tloga kwa bokone jwa Fish River Canyon, go latela Bophirima jwa dithaba tsa Namibia go felela kwa Kaokoveld. Fa bonye jwa tsone di ka bonwa kwa provinsing ya Kapa Bokone gaufi le Namibia.