Mathata a Letlalo la Dikolobe - Malwetse a Dikolobe

Bolwetsi ba dikolobe ba kerise le bolwetse ba letlalo la taemane ke ditshwaetso tsa malwetse tse di kgolo thata tse di ka amang letlalo la dikolobe. Bobedi di tlholwa ke baketeria gape di ka thibelwa ka go dirisa mekgwa ya boitekanelo jo bo siameng.

Bolwetse ba Dikolobe jo bo Kerise

©National Pork Board, USA
Bolwetse ba dikolobe ba kerise, jo gape bo itsegeng jaaka exudative epidermitis, bo tlholwa ke methale ya tse di farologaneng tsa Staph Hyicus. Go ya ka lekwalo la Tirelo ya Tshedimosetso ya Bosetšhaba ya Malwetse a Diphologolo, Pig Health – Greasy Pig Disease, baketheria e nna mo godimo ga letlalo la dikolobe, mme e tla tlhoka dirai go bona bolwetse. Dirai tse di ka nna sengwe le sengwe go tswa mo letlalong le le senyegile, malwetse a mangwe, mantle mo letlalong le mameo a phufudi e e kwa godimo kgotsa go nna le maemo a bongola mo letlalong la dikolobe, mo baketheria e ka kgonang go ntsifala.
Bolwetse bo tlhola tebego ya bokima bam mala wa namune, borokwa go ya go bontsho ba kerise mo tlhogong le mmele wa dikolobe gape gantsi di ama dikolobe tse di nnye, jaaka tse di monokang le tse di tlosiwang. Gwa botlhokwa tota ke gore e ka bolaya dikolojwana tsa bašwa, jaaka e feletsa go tlhoka metsi. Mo dikolobeng tse di kgolwane e ka tlhola gore dintho di fole ka bonya, go feletsa mo ya matlalo kwa botlhabelong.
Kalafi
Tiriso ya shamphu kgotsa sesepa se ka thusa go tlosa le go bolaya dingwe tsa dibaketheria, mme dikolobe gantsi e tlhoka tiriso ya dibolayatwatsi. Kopa ngaka ya diphologolo kgakololo ka polayatwatsi eo o ka e dirisang, go tlhasela mofuta o o rileng wa dibaketheria e e nana le maikarabelo a bolwetse. Tlhokomelo e tshwanetse go tsewa go abela dikolojwana tse di amegileng metsi a a lekaneng gammogo le ditsamaisamotlakase go thibela tlhoka metsi.
Dikolobe tse di nang le bolwetse ba letlalo la kerise di tshwanetse go kgaogantshwa le dikolobe tse di nang le boitekanelo go thibela baketheria go anama dikolobe tse dingwe. Boitekanelo bo bo siameng tshwanetse go dirisiwa go bea palo ya bolwetse ba kerise kwa tlase. Motlhodi wa tshwaetso le one o tshwanetse go lebisiwa go thibela go runya ga isagwe, e ka nna dikgobalo mo letlalong, malwetse a mangwe, maemo a kgatlhanong le boitekanelo kotsa maemo a tlelaemete a a ka tlholang bongola bo bo feteletseng mo godimo ga letlalo.

Bolwetsi ba Letlalo la Taemanes

Bolwetsi ba letlalo la taemane, jo gape bo itsegeng jaaka Erysipelas, bo tlholwa ke Erysipelothrix rhusiophathiae bacterium, bo fitlhelwang mo dipolaseng tse di ntsi tsa dikolobe. Go ya ka lefelo la dikolobe bolwetse Quick Disease Guide, e e ka nnang 50% ya diphologolo di ka kgona go rwala baketheria mo dikodung. Mantle a a tshwaeditsweng gongwe ke motswedi o o botlhokwa wa tshwaetso, fela gape e ka anama ka moroto le mathe.
Bolwetsi ba letlalo la taemane gantsi bo ama dikolobe tse di golang. Fa baketheria ka boyona e ka tlhola bolwetse, go runya go ka nna serai se se tlisiwang ke malwetse a mangwe.
Bolwetsi ba letlalo la taemane bon a le tshimologo ya bonako mme bo ka tlhola loso ka ntlha ya leswe le le masisi kgotsa go palelwa ga pelo. Leina la yone le tsewa mo dibateng tse di lefifing tse di khibidu tsa sebopego sa taemane tse di di tlholang mo letlalong la dikolobe, ka ntlha ya go thibelwa ga tlamelo ya madi. Mafelo di ka fetogela bontshong kwa morago ka ntlha ditogwa tse di suleng, mme tse dintsi di fola mo malatsing a le supa go ya go lesome.
Kwa ntle ga dibata tsa taemane, dikolobe tse di amegileng natsi di na le letshoroma la kwa godimo. Mo ditshading gantsi e feletsa ka go ntsha mpa, go belegwa kolojana e sule le dikolojwana tse di suleng nako e telele mo dimpeng, fa e se fela dipoo di tla bo di opafetse ge fela di tshwarwa ke bolwetse jo.
Kalafi
Diphologolo tse di amegang di tshwanetse go alafiwa ka phenisilini ye e dirang nakeng e telele. Kopa kgakololo go tswa go ngaka ya diphologolo kgotsa motegeniki wa boitekanelo jwa diphologolo ka dikatlenegiso mo go sediriswa go se dirisa le gore o ka se dirisa jang. Moento o teng o o ka dirisiwang go thibela go runya.
Dikolobe tse di nang le bolwetsi ba letlalo la taemane di tshwanetse go kgaoganywa le dikolobe tse di itekanetseng go thibela go anama ga baketheria mo dikolobeng. Bophepa bo bo siameng bo tshwanetse go dirisiwa go tshola bolwetse bo bo tlholang baktheria kwa tlase. Botlhodi ba tshwaetso bo tshwanetse go rarabololwa go thibela go runya ga isago, e ka nna dikgobalo mo letlalong, malwetse a mangwe, maemo a kgatlhanong le boitekanelo.

External Parasites

Bolwetsi ba letlalo, nta ya dikolobe, dikgofa le dintsi ke dingwe tsa dinwamadi tsa kwa ntle tse di ka tlholang tlhobaelo mo letlalong le e fleets mo ditatlhegong ya kumo....more

More External Parasites

Dikgofa tse di boleta di ka nna mo matlong a kolobe, mesima ya kolobe ya naga kgotsa magaeng a batho, mme dikgofa tse di popota ka gale di ka fitlhelwa mo mafulong....more

Sunburn and Injury

Kolobe e e itekanetseng e na le letlalo le le phepa, le le bonolo le le thunyang ka go farologana. Go ya bukana ya Mokgatlho wa Tsweletso ya Nama ya Kolobe Pigs for profit....more