Mathata a Letlalo la Dikolobe - Kgobalo le Phiso ya Letsatsi

©Glenneis Kriel
Kolobe e e itekanetseng e na le letlalo le le phepa, le le bonolo le le thunyang ka go farologana. Go ya bukana ya Mokgatlho wa Tsweletso ya Nama ya Kolobe Pigs for profit. Sengwe ke se se phoso fa letlalo le nna bohibidu kgotsa perese, le galogile, le gobetse, le tswa madi, le tshologa boladu, go nna sekerefe, go nna legogo, dikolobe di na le dibata tsa lefatlha, go na le dinwamadi tse di bonalang le dikolobe di tlhola di ikgotlha ka dilo ka maikaelelo a go tlosa go tlhotlhona. Maemo a le mmalwa mo go a mantsi a ka amang letlalo la dikolobe, a tlhomololwa fa.

Kgobalo

©Dr Jim Robinson
Dintho, letlalo le le gagogileng, boladu le dintsi tse di agelang mo tikologong e nnye ya kolobe e ka nna ka ntlha ya go lwa, go loma kgotsa dikgobalo ka dilo tse di bogale, jaaka dinala, megala kgotsa, mathoko a tshipi e e bogale.
Kalafi
Dintho di tshwanetse go phepafadiwa ka sebolayatwatsi le go alafiwa ka kgatsha, jaaka jodiamo kgotsa gentian violet. Balemirui ba tshwanetse go tila kgobelegano ya dikolobe, ka gonne seno se tla lebisa kwa go di lwantsha. Dipene le ditae di tshwanetse go tlholwa gangwe le gape go supa le go tlosa, sireletsa kgotsa o baakanye dilo tse di ka tlholang dikgobalo.

Phiso ya letsatsi

©Glenneis Kriel
Dikolobe tsa letlalo le le sweu di masisi tota mo phisong ya letsatsi, se se tla bonala ka go tsholola ga letlalo le le khibidu le le botlhoko mme ka dinako tse dingwe le dibolase. Phiso ya letsatsi ka dikolobe e ka feletsa mo dikolobe di lwalang go tswa mo mogoteng wa go swa bogatsu, ka matshwao a ka kgonegang go akaretsa le go tshwenyega, kelo ya go hema e e kwa godimo, go roroma ga mosifa, letlalo le le khibidu, bokoa, go tlhatsa, letshololo, tlhoka metsi le letshoroma. Dikolobe di ka swa ka go swa bogatsu ka mogote fa e sa alafiwa ka nako.
Go ya ka lekwalo le le kwadilweng ka Tirelo ya Tshedimosetso ya Bolwetse ba Diphologolo ya Bosetšhaba (NADIS), Pig Health – Sunburn and heat stroke/heat stress, phiso ya letsatsi e ka fosiwa e bapisiwa le maemo a mangwe a ditiragalo tsa kwa ntle tse di ka tlholang go nna khibidu ga letlalo le dibolase tse khibidu, jaaka masisi a a feteletseng go marang a letsatsi a tlholwang ke semela se se riling se se botlhole, ka sekai parsnips, digweteng, phasli, petelelo le habore.

©Dr Jim Robinson
Kalafi
Go thibela phiso ya letsatsi le go swa bogatsu ka mogote, kolobe nngwe le nngwe mo motlhapeng e tshwanetse go nna le moriti o o lekaneng metsi a a phepa a go nwa a a tsiditsana. Go pitika mo seretseng, mo dikolobeng tse di beilweng kwa ntle, o ka tlamela ka karolwana ya tshireletso kgatlhanong le phiso ya letsatsi fa mmele o otlhe wa kolobe o sireleditswe.
NADIS e tshisinya tiriso ya go lebebe la go golola kgotsa emollient go fokotsa go sa iketle le go thusa go fodisa ka phiso ya letsatsi ye e boitshegang le tiriso ya dibolaya ditlhabi tseo di senag disteroete tsa thibela thurugo mo mabakeng a a boitshegang.
Lefelo la kolobe mo go Quick Disease Guide ya yona, e tshisinyas gore balemirui ba alafe dikolobe ka go swa bogasu ba mogote ke go inela diphologolo mo metsing a a tsididi kgotsa go gasa le kgotsa metsing a a e elelang a tsididi mo mostileng wa diphologolo ka go dirisa belofo ya go tshela.