Mathata a Letlalo la Dikolobe - Dinwamadi tsa ka Kwa ntle
© National Pork Board, USA
Bolwetsi ba letlalo, nta ya dikolobe, dikgofa le dintsi ke dingwe tsa dinwamadi tsa kwa ntle tse di ka tlholang tlhobaelo mo letlalong le e fleets mo ditatlhegong ya kumo.
Bolwetsi ba Letlalo
Bolwetsi ba letlalo bo tlholwa ke dintana tse di nnye (Sarcoptes suum) tse di tshelang mo letlalong la dikolobe. Dintana di fepa ka letlalo, madi le seedi se se serolwana sa dikolobe le go baya mae mo teng ga letlalo la dikolobe. Ke tse dinnye thata, ka jalo sekao se se nnye se tshwanetse go tsewa go di supa ka fa tlase ga maekorosekopo.
Go ya ka bukana ya Danie Visser Mordern Pig Production, go tlhotlhona go go masisi, le dikolobe di ikgotlha ka dilo maikaelelo a go senka thusos, gantsi ke sesupo sa ntlha sa gore sengwe se phoso. Diso, magogos le dibata tse di sa aparang di tla tlhagelela jaaka bolwetse jo bo ntse ng bo tswelela, go le gantsi mo maemong a ntlha mo gare ga tsebe di atologa ka bonya mo mmeleng o otlhe. Letlalo la dikolobe le lona le tla lebelega le tlhoka botshelo le mela e tla tlhagelela mo mmeleng o o lebelegang jaaka dikgopo.
Dikolobe tse di amegileng di tla gola bokoa, ka gonne di tla go semelela di ingwaya go na le go ja. Bolwetse bo ka isa mo ditshwaetsong tse di tlhagelelang gape le mmele o kgalwe kwa botlhabelong.
KalafiDikgakololo tse di farologaneng, dikgatsi le ditlhabi di teng go bolaya dintana. Botsa ngaka ya gago ya diphologolo kgotsa motegeniki wa boitekanelo jwa diphologolo go atlanegisa setlhagiswa le go go thusa go tlhama lenaneo la kalafi la go thibela mathata a isago. Go alafa dikolobe tse kgolo gangwe le gape go tla thusa go sireletsa dikolojana.
Go ya ka bukana ya Pigs for Profit, go na le batho ba ba dirisang oli ya kgale ya dijanaga go alafa bolwetsi ba letlalo. Kwa ntle ga se e seng kalafi ya bolwetsi ba letlalo, oli ya dijanaga le yona e tla tlhola tshenyo ya letlalo.
Nta ya Kolobe
Nta ya kolobe (Haematopinus suis) e nna mo letlalong la dikolobe e bile gantsi di fitlhelwa mo diphuthelong tsa letlalo mo tikologong ya molala, magetla, lengami le dimpa tsa dikolobe. Ga di ame batho kgotsa diphologolo tse dingwe. Nta ya kolobe ye kgolo e ka gola go fitlha ka dimilimetara tse 4 go ya go tse thataro ka bogolo, ka jalo di bonolo go di bona ka matlho, mmogo le matshutitshuti a mae a a lebelegang jaaka legogo le le serolwana.
Ke dinwa madi, tse di tlholang tlhobaelo e e masisi tse di ka isang kwa dikolobeng tse di amegeng go ikgotlha mo dipoteng kgotsa mo dijelong go batla thuso. Jaaka go ntse ka bolwetsi ba letlalo, se se ka nna le khuetso e e sa siamang mo phepong, go feleletsa mo kgolong e e bokoa, mme e ka tlhola ditshwaetso tse di kwa thoko le dikgalo tsa mmele. Palo e e kwa godimo e ka tlisa tlhokamadi.
KalafiMafelo a go ina a a farologaneng a a kwadisitsweng le dikgatshi tse di leng teng go bolaya dinta tseno. Botsa ngaka ya gago ya diphologolo kgotsa motegeniki wa boitekanelo jwa diphologolo go atlanegisa setlhagiswa le go go thusa go tlhama lenaneo la kalafi.
Translated by Lawrence Ndou