Malwetse a Megare

© Vitiec Winetech
Crown gall ke bolwetse jwa mogare jwa morara jo bo tlwaelegileng thata mme bo tlholega gantsi mo merareng e e ikadileng le dikgaolo tsa Orange River le Lower Orange River. Matshwaô-tshwaetsegô a crown gall a akaretsa go tlhagelela ga merurugo mo kutung gaufi le boalo jwa mmu. Merurugo e e serolwana-setlha le mephanyo di bonagala gantsi mo lekwating gaufi le fa makopanelong a jalelelô.
Moragonyana merurugo e nna borokwa. Crown gall e anamiswa ke metsi le didiriswa tsa kwa polaseng. E laolwa ka go dirisa sera-sejalô se se kwadisitsweng se se boneng tlhokomelo ya metsi a a mogote. Merurugo gape e ka robiwa mme morago ga fao dintho di alafwe ka copper.
Malwetse a megare a ka fitlhelwa mo kgaolong efe kgotsa efe ya kgodiso ya mofeine, mme go tlhagelela ga ona go ikaegile ka mogare o o leng mo sera-sejalông. Sera-sejalô se ka dirwa gore se se nne le mogare ka go se alafa ka go dirisa bolelo. Taolo ya megare ka khemikhale ga e kgonagale, fela go botlhokwa go laola mealybug ka ge e anamisa bolwetse mo karolong ya tshimo.

Bolwetse jwa Morara jwa Leafroll

Bolwetse jwa morara jwa leafroll bo aname mo dijalweng tse khibidu tsa Cabernet, Merlot le Chardonnay, fela mefuta e mesweu Cape Reisling le Semillon le yona e tshabelelwa ke leafroll. Ga go matshwaô-tshwaetsegô a a bonwang ka dikgakologo, fela go simolola ka Ngwanatsele, matlhare a dijalwa tse khibidu a ka nna mahibitshwana mme a simolole go kobegela kwa tlase. Fela, ditshikatlhare di sala di le tala. Mo dijalweng tse tshweu matshwaô-tshwaetsegô ga a bonale go le kalo, fela matlhare a kobegela go ya kwa tlase.
Go botlhokwa go laola ditshoswane le mealybugs ka ntlha ya gore di na le seabe mo kanamong ya mogare wa leafroll. Lefelo-karogano magareng ga tshimo e e amegileng le e e sa amegang le a rotloetswa mme didiriswa di tshwanetse go tlhwekiswa le go phepafatswa fa di diriswa gareng ga ditshimo.

Bolwetse jwa Shiraz

Bolwetse jwa Shiraz bo tlholega mo Merlot, Shiraz, Malbec le Gamay mme bo bakwa ke ‘grapevine virus A’. Bolwetse bo lemogilwe gape mo Viognier. Bo ka lemogwa ka matlhaka a a rabara a a sa butsweng ka go tshwana ka ntlha ya gore thunyô ya lekukunya ya letlhaka le le tshwaetsegileng e a diegiswa. Dingatana tsa terebe di di nnye gona le ka metlha kgotsa ga di nne teng gotlhelele.
Matlhare le tshikatlhare di nna mmala o o phepole mme matlhare a wela fatshe thari. Ga gona kalafi ya bolwetse jono mme merara gantsi e swa mo dingwageng tse tharo go ya go tse tlhano. Bo anama ka tlhago go ralala tshimo, fela mealybug o na le seabe mo kanamong ya bolwetse jwa Shiraz. Dipatlisiso di kaile fa bolwetse bo ka fediswa ka go alafa sera-sejalô sa ntlha ka go dirisa bolelo. Merara e e amegileng e a ntshwa le go fiswa.

Malwetse a Mangwe

Gona le malwetse a mangwe a le mantsi mme jo bongwe jo bo fetsang go bonwa mo merareng ke bolwetse jwa Aster Yellows. Chardonnay e tsenelelwa bonolo thata ke bolwetse jo. Matshwaô-tshwaetsegô a ‘Aster Yellows’ a akaretsa matlhare a a swabileng go sale gale mo setlheng. Matlhare a dijalwa tse tshweu a nna serolwana mme a dijalwa tse khibidu a nna khibitshwana. Matlhare a nna kima go feta ka tlwaelo, a robega bonolo mme a kobegela go ya kwa tlase. Matlhogela a na le dinoko tse khutshwane le kgolô e e bokoa.
Ke bolwetse jo bo masisi mme ka lesego, bo nna teng fela kwa dikgaolong di le mmalwa, ka jalo go botlhokwa go begela VinPro ka ga matshwaô-tshwaetsegô a a belaetsang mangwe le mangwe mo tshimong. Dipatlisiso tsa go sale gale di supa fa bo ka tswa bo anamiswa ke tshenekegitlodi. Matlhare a a tshwaetsegileng a tshwanetse go ntshwa mme morago ga setlha morara otlhe o tshwanetse go ntshwa ka medi le tsotlhe.

Translated by Nchema Rapoo