Malwetse a Fungi ya Terebe - Mildew

© Prof Piet Goussard Winetech
Powdery mildew - also called oidium - can be spread by mealybugs.

Phori kgotsa Oidium

Phori e bitswa gape oidium, e bakwa ke fungus ya Uncinula necator mme e kaiwa fa e le bolwetse jwa fungi jwa tshimo ya morara jo bo masisi go gaisa. Matshwaô-tshwaetsegô a phori a ka bonwa mo matlhareng, matlhogeleng le dingataneng tsa terebe. Matshwaô-tshwaetsegô a ntlha gantsi ke dikôlô tse di botala jo bo setlhafetseng (e seng dikôlô tsa mafura) mo matlhareng. Fa letlhare le lebagantshwa le lesedi, meritshana e e bosweu jo bo setlhafetseng e tla bonagala mo dikôlông. Mo matlhogeleng a ma nnye a morara, dikôlô tse di bosweu jo bo setlhafetseng di a bonala tse morago di fetogelang go mmala o montsho. Dingatana di bontsha kgolô ya fungus e e bosweu jo bo setlhafetseng mo matlaping a terebe le mo dikalaneng. Oidium e baka tatsô e e tswileng mo tseleng mo mofeineng.
Dipeo tsa oidium di itunna fela ka mo gare ga lekukunya mme di tswa ka gangwe fa lekukunya le thunya. Morara o tshabelelwa ke tshwaetsegô mme bolwetse ka jalo bo tshwanetse go laolwa go sale gale mo setlheng. Merara e tshwanetse go gaswa kgatlhanong le oidium le mealybug (e e ka anamisang bolwetse) mo dibekeng di le 2, 4 le 6 morago ga thunyô ya lekukunya. Fela, go botlhokwa thata go simolola ka nako (ka boleele jwa letlhogela jwa 2-5 cm) mme o seka wa atolosa sebaka sa mo magareng a go gasa. Jaaka downy mildew, oidium e laolwa ka dibolaya-fungi tse di gaswang kgotsa tse di tshelwang, fela bolwetse ke magana-go-swa fa go diriswa fela mofuta o le mongwe wa sebolaya-fungi.
Dijalwa tse di jaaka Chardonnay, Chenin Blanc, Riesling, Sémillon, Pinotage, Sultana le Muscadel, tse di golang ka bontsi, di tshabelelwa thata ke bolwetse jono gona le dijalwa tse dingwe. Gona gape le mekgwa-taolo e le mmalwa ya tshimo ya morara e e kganelang kgolô ya fungi:
Rebola taolo e e siameng ya borulelo mme o laole mofero mo tshimong.
Fokotsa kumiso ya nitrogen mo tshimong e e medisang ka bontsi.
Nosetsa fa tshimo e setse e le bongola, sekai, mo mesong.
Trellising, ntlha e mela e lebileng teng le lefelo leo tshimo e beilweng mo go lona di ka nna le seabe mo go omeng ka bonako ga matlhare.

Translated By Nchema Rapoo