Malwetse a Fungi a Terebe - Dead Arm le Botrytis

© Tom Maack

Bolwetse jwa Dead Arm

Bolwetse jwa dead arm bo bakwa ke fungus ya Phomopsis viticola. Matshwaô-tshwaetsegô a akaretsa matsadi a a borokwa jo bo fifetseng a a bopegileng jaaka letlhodi mo dinokong tse pedi go ya go tse tharo tse di fa tlase mo lotlhakeng. Bo bonala go sale gale mo setlheng, fa morago fela ga thunyô ya lekukunya. Seno se baka tatlhegelo e kgolo ya dijalô ka ge matlhaka a ka robega bonolo mo matsading. Dikôlô tse di serolwana di le kgolokwe ka kôlô e ntsho mo gare di bonagala mo matlhereng – bo ka etsaetsiswa le tshenyo e e bakwang ke sebolayadimela sa paraquat. Bolwetse jwa dead arm bo laolwa go simolola ka thunyô ya lekukunya go fitlha ka thunyô ya sejalô. Matlhaka a a nang le matsadi a tshwanetse go ntshwa ka go segwa ka ntlha ya fa matsadi ano a baka ditshwaetsegô tse di ša.

Botrytis

Botrytis e simolola jaaka gotswa-mmala ga letlapi la terebe go go thokwanyana. Letlapi la terebe le ka tleboga (Letshwaô-tshwaetsegô le le itshupileng) mme ka fa tlase ga maemo a a metsi, dipeo tse di setlha tsa fungi di ka bonwa mo diterebeng. E bakwa ke Botrytis cinerea fungus mme e ka baka go dirwa ga mefeine e mesweu ya noble rot e e rategang ka ntlha ya mokgwa wa yona o o itshupileng. Mo mabakeng a le mantsi botrytis e isa kwa ntshô-tlhagisong e e bokoa le mefeine ya boleng jo bo kwa tlase le mefeine e mehibidu ya tatso e e tswileng mo tseleng.

Botrytis e ka laolwa ka go gasa dibolaya-fungi go simolola ka motsi wa thunyô go fitlha ka wa kotulo. Taolo go simolola ka motsi o meretlwa e fetolang mmala (fa meretlwa e simolola go butswa le go fetoga mmala) go fitlha ka nako ya kotulo go botlhokwa thata. Taolo ya borulelo e a tlhokagala go fokotsa kitlano ya matlhare – ga matlhare a nna makima, le maemo a bosa go dikologa dingatana tsa terebe a nna bongola. Tikologo e e bongola eno e rotloetsa go tlhoga ga dipeo tsa botrytis.

Tsenyomowa e e siameng le yona e nna le seabe mo go omeng ka bonako ga matlhare morago ga pula. Ditshimo tsa morara tsa ntshô e e kwa godimo tse di bongola di tsenelelwa bonolo ke tshwaetsegô eno. Ka jalo, kganela kumiso ya nitrogen go dikgaolo tse di bokoa go thibela kgolô e e magoletsa ya matlhare. Mo ditshimong tse di amegileng, merara e e tshwaetsegileng e tshwanetse go ntshwa le go fiswa.

Translated by Nchema Rapoo