Lerotho ke Eng?

© Forest and Kim Starr

Le itsagale gape jaaka ditedu tsa katse le khabetšhe ya Afrika, matlhare a lerotho, dikalana tse di boleta le dithunya di diriswa go fepa batho, mme le kaiwa jaaka mongwe wa ‘merogo e e matlhare ya Afrika’ ele mentsi - e e itsagaleng jaaka morogo kgotsa imifino mo Afrika Borwa. Go netefaditswe fa le humile ka diminerale, di-vitamin le diesiti tsa amino mme le diriswa ka go anama kwa metse-magaeng ya Afrika Borwa. Lerotho (Cleome gynandra) le itsagale gape jaaka oorpeultjie (Afrikaans), lerotho (ka Sepedi le Sesotho), murudi (ka Tshivenda), rirudzi, bangala (ka Xitsonga) le Ulude (ka isiNdebele) mme go begwa le tlhologile kwa dikgaolong tse di bothitho tse di dipula tsa Afrika le Borwa-botlhaba jwa Asia.
Cleome gynandra e diriswa thata jaaka morogo o o matlhare fela masika a yona eleng Cleome monophylla le Cleome hirta (sejalo sa tshingwana se se tumileng) le ona a diriswa fale le fale.
Lerotho le mela ka go anama go tloga kwa Namibia goya kwa Limpopo mme le kaiwa fa ele ‘mofero’. Le fa le sa lemiwe ka go anama, le fitlhelwa mo mebung e e lengwilweng jaaka ya setsha sa legae. Le diriswa gantsi jaaka sejalo-itshidiso, le rekiswa gape ke bagwebi ba mo mmileng.
Lerotho ke sejalo se se mere se se tlhamaletseng ka go golela kwa bogodimong jwa magareng a 0,5m le 1,5m. Le na le kalana e e mamarelang e e meritshana, matlhare a a kgomaganeng, moditona o moleele le tlhogwana ya dithunya ya dithunya di le mmalwa (e e tshwanang le segokgo go kaya leina la lona la sekgowa - ‘spider plant’) ka dithunya tsa dithito tse di telele le diphetale tse tshweu goya go pinki. Ke sejalo se se dikalana tse di ka nnang legong fa se ntse se tsofala. Dikarolwana tse di jegang go gaisa ke matlhare le dintlhana tsa kgolô.
Dipatlisiso kwa India di senotse fa lerotho le na le ditswakwa tsa twantsho-kgotelô, tse di selaselang ka kgololosego, tsa twantsho-kankere le tsa twantsho-tshukiri. Le tlotlomaletswa gape bokgoni jwa lona jwa bosireletsi - digamolwa di koba di-aphid, di-thrip le mmôtô wa diamondback, matshosetsi a magolo go dikhabetšhe.

Go Jala Lerotho

Lerotho le jalwa gotswa mo peong mme le diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tse di mo magareng ga 18℃ le 25℃. Ga le rate mebu e e bokete ya mmopa, bosa jo bo tsididi le moriti. Dipeo di tshwanetse go tlhakanngwa ka selekanyetso sa 1:10 le mmu o o omeletseng le go jalelelwa kwa boteng jo bo seng kwa tlase mo meleng e e katoganeng ka 30 cm goya go 50 cm. Dijalo di ka katoganngwa ka sekgala sa 15 cm. Le fa le kgona go itshokela komelelô, le gola bontle ka nosetsô ya ka metlha - gararo ka beke mo mebung e e motlhaba, fela gangwe ka beke mo mebung ya mmopa. Kgatelelô ya metsi e fokotsa ntshô ya matlhare.
Lerotho le tsiboga sentle mo mmung o o nontshitsweng o o nang le kelometsi e ntle, mme go tsenya nitrogen go ka oketsa ntshô. Fela, tshelô e e kwa godimo thata ya nitrogen e tlile go baka dithito tse di hupang metsi, mme seno se fokotsa ntšhwafatso. Fa o tshela mosutele o o foreshe wa kgogo kgotsa kolobe, dirisa kgamelo ya 10-liter mo karolong e e ka nnang bophara jwa 20 cm le boleele jwa 15m. Dirisa seelo se se tshwanang sa mosutele wa kgomo mo boleeleng jwa 5m. Ka metlha tlhakanya mosutele le mmu, metsi mme o eme malatsi lete 14 pele o ka jala.
Lerotho le nna mo kotsing ya kgaisano le mofero le ya disenyi tse di jaaka dikgopa, di-nematode le ditshenekegi, fela baba ba lona ba ba botlhokwa ke dikhukhwane tsa hurricane, tse di itsagaleng gape jaaka Bagrada kgotsa dikhukhwane tse di pentilweng. Jala garlic, eiye kgotsa parsley gaufi le lerotho go fokotsa tsenelelô ya dikhukhwane.
Rotloetsa baba ba tlhagô: mae a dikhukhwane tsa Bagrada a jewa ke mefu e mennye. Motswako wa chilli, sesepa, garlic le paraffin o fitlhetswe o dira sentle kgatlhanong le dikhukhwane tsa Bagrada jaaka o thusa go ntsha dikhukhwane tse nnye.
Lerotho le dulafatswa ke ditshenekegi tse di fofang le ditshoswane. Go kgetlwa ga matlhare go simolola dibeke di le nne goya go thataro morago ga melô, mme a kgetlwa ka selemo ka dipula tsa ntlha, go fitlha ka letlhabula. Matlhare a ka kgetlwa fa dijalo di le boleele jo bo ka nnang 15cm. Matlhare a jewa a le foreshe, fela a ka bediswa le go tshôlwa jaaka sepinatšhe.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo