Lelapa la Naga ya Sekgwa ya Kgolokwe ya Vredefort

© David Fleminger

Setlhopha se Segolo sa Teransefala

Morago ga Setlhopha se Segolo sa Teransefala go tlile Lelapa la Naga ya Sekgwa, le le tlhamilweng fa letlapa la seretse se ne sa kgorometswa go tswa mo Khupetsong go ya diphitlhelelo tsa kwa godimo tsa Setlhopha se Segolo sa Teransefala.
Go tsengwa ga letlapa gono mo diretseng tse di gogotsweng bonolo tsa Setlhopha sa Teransefala di bopile llaga ya letlapa la molelo le le khupetsang mo karolo ya sekwere sa dikilometara di le 60 000, se se e dirang le legolo go gaisa mo lefatsheng. Lelapa la Naga ya Sekgwa le diragala fela ka go ka nna le 80% ya Polatinamo ya lefatshe. EE mo go rona.
Fela tseno tsotlhe e ne e se go ijesa monate le metshameko fela. Dingwaga ts e di ka nnang dibilione tse pedi tse di fetileng, naledi ya mogatla e e kgolo thata e biditse mmung ka 120 km borwa bophirima jwa Joburg ga jaana. E biditse thata gore letlapa lle ne la ya kwa godimo, 10 km go tloga fa maemong a yona a setlogo.
Dipholo e ne e le Kgolokwe ya Vredefort, thulo ya naledi ya mogatla e kgolo go gaisa e bile ya pele go gaisa e e itsegeng mo lefatsheng (kwa tshimologong e e lekanyetsang go fitlha go 250 km go tswa matlhakoreng ka bobedi, le fa go le jalo boglo jwa khuti jaanong bo tladitswe). Thulo e gape ka bonolo e bolokile masalela a gauta eo, ka nako eo, a neng a ntse gaufi le boalogodimo, ka jalo e di pholosa go tswa kwa go sotliwa.
Mme Sediko sa kwa Vredefort se ne se sa tsewe e le popego ya thulo le, mo dingwageng tse di fetileng, babueleid ba yona ba ba farologaneng ba begile dikgopolo tsa bona. Le gale, patlisiso ya ga jaana e tlhamaladitse dilo go sekae, le tsosa kganetsano ka ntlha ya tshimologo ya Sediko go ne go lebegae e ne e fedisitswe ke barutaletlapa bao ba ba matlhagatlhaga.
Le fae le gore ga ke ne ke sa ntse ke se na bonnete mabapi le ka moo thulo e ka tlholang kgolokwe e seng khuti, ke tshwanetse go ikobela kitso e e gaisang ya bakaone le go bolela gore naledi ya mogatla e e dirile gape morago kwa bofelong!

Translated by Lawrence Ndou

Pele ga Thulo ya Vredefort

Mo dingwageng di le dimilione di le mmalwa tse di fetileng, Lefatshe le simolotse go tsidifala go se nene mme le tlhaselo ya selegodimo e ne...more

Patlisiso ya go Simolola ka Kgolokwe ya kwa Vredefort

Ka dingwaga tsa bo1950, buka e e bidiwang ‘Target: Earth’ e ne ya phasaladiwa mo yona bangwadi ba ne ba tshitshinya gore di-dinosaur di ...more

Thulaganyo ya Thuta Matlapa ya Afrika Borwa

Go akanywa gore diretese tsa Taolo di ne tsa diriwa ka mengwaga e 3.07 ya dibilione e e fetileng, mo mokgatsheng o o katogileng o o neng wa ...more

Dithulo tsa Dinaledi di Jang mo Lefatsheng

Fa o lebelela kwa lefaufaung mo lefifing la bosigo, tsotlhe di bonala ka kagiso. Dinaledi di benya mo loaping le lentsho le lefaufau le le b...more

Tlhotlhomiso ya Kgolokwe ya kwa Vredefort

Morago mo Aforika Borwa, le fa go ntse jalo, ditlhagelelo tsa saense ya dithulo di bonagetse di re feta fela. Ka 1916, S.J. Shand lwa ntlha ...more

Kgato ka Kgato ya Popego ya Kgolokwe ya Vredefort

Jaaka naledi e e mogatla ya Vredefort fa e tla mo Lefatsheng ka lebelo, lebelo la yona le ne le ka nna fa gare ga dikhilometara tse di 40 00...more

Ntlha ya Nganisano ka Tshimologo ya Kgolokwe ya kwa Vredefort

Mekgwa e e farologaneng ya diponagalo tsa thutatlapa ya Lekgolokwe la kwa Vredefort e ne ya tsewa tsia ke borasaense ka bonako jaaka 1878. S...more

Thulo ya kwa Vredefort

Mo dingwageng tse dimilione tse pedi tse di fetileng, go ne go sa ntse go se na dimela mo lefatsheng, mme letshwao la botshelo fela e ne e l...more

Vredefort le Ditshimo tsa Gauta

Aforika Borwa ke lefelo le le lesego thata. Re ntse re segofaditswe ka ga legae le le tlhomameng mo lefatsheng lotlhe ba kontinente ya bogol...more

Kgolokwe ya kwa Vredefort Dikhounu tse di Thubilweng le Phetogo ka Molelo

Kwa ntle ga khuti ya kwa Vredefort, tiragalo e kgolo e siile kwa morago masaledi a mangwe a dintsi, a a kwadilweng mo matlapeng....more