Pele ga Thulo ya Vredefort

© David Fleminger

Tatelano ya Thutatlapa

Mo dingwageng di le dimilione di le mmalwa tse di fetileng, Lefatshe le simolotse go tsidifala go se nene mme le tlhaselo ya selegodimo e ne ya fokotsega, gongwe ka ntlha ya gore bontsi jwa dinaledi tsa megatla mo thulaganyong ya letsatsi e ne e setse e thubegetse mo go selo kgotsa e e ‘feditswe‘.
Phufudi ya metsi, khabonedaeokosaete le digase tse dingwe di bopegile go tswa mo mangeng a Lefatshe mme di simolole go tlhama lefaufau. Pula e simolotse go na le mawatle a simolotse go nna matamo mo legogong le letlapa. Metsi a a fa godimo a ne a le teng ke bonnye mo dingwageng tse dibilione tse 3.9 tse di fetileng.

Motlha wa Bogologolo

Eno ke tshimologo ya motlha wa se-archaea (se se rayang ‘bogologolo’) mme se nnile gona go fitlha dingwaga tse di ka nnang 2.5 tsa dibilione tse di fetileng. Mo nakong eno, dikarolo tse di atolositsweng tsa tse di bidiwang dillaga tsa matlapa tsa Granite-Greenstone di ne tsa tlhamiwa, di tlhama bofatshe jwa tiro ya thutamatlapa yotlhe e e latelang.
Sekao sa motlha wa bogologolo se se bolokilweng botokwa sa legogo se sa ntse se bonala mo Lefatsheng se ka bonwa kwa Mpumalanga, mo tikologong ya toropo ya bogologolo, kwa Barberton, moo e ribolotsweng Granite-Greenstone e fetoletswe le go tlhagelela mo godimo ga boalogodimo.
Matlapa a tlapathunyo a, a a bidiwang komatiities, a tlhamilwe maalong a lewatle a bogologolo magareng ga dingwaga di le dibilione tse 3.6 le 3.2 ka bogolo. Popego ya ona e supa gore e ne ya tlhamiwa ka nako ya fa dithempheretšha tsa khupetso di neng di le godimo go feta ka fa di leng gone gompieno, se se supang gore lefatshe le tsweletse go tsidifala mo ngwakgolong e e tseneletseng.
Jaaka legogo le tswelela go tiia, sediriswa se se humileng ka silika (se se neng se sa kitlana thata tlase ga seretse se se fisang ntlheng e e fa tlase) se tlwaetse go kgobokanya mo godimo ga khupetso.
Jaaka fa e ne e le ‘bofefo’ go feta bobedi khupetso le bodilo jwa lewatle, matlapa a a humileng ka silika a ne a sa dirwa mosele ka fa tlase mme a ntse a ntse a kokobetseng mo godimo mo boalogodimong, kwa bofelong go nna bokima bo bo lekaneng go tlhatloga fa godimo ga bogodimo jwa metsi jaaka ditlhaketlhake.

Mafelo a a sa Amegang fa Dinaga di Kgaogana Kgotsa Fa di Tlhakana

Mo tsamaong ya nako, ditlhaketlhake tse dišwa tse di tlhomilewng di tsweletse go fokelwa mo godimo ga dipolata tse di ikadileng, kgothosela mo go nngwe le nngwe le go tshwaraganya, go fitlhela dikarolo tse di kgolo tsa naga di setse di tlhamilwe mo mafelong a a farologaneng mo Lefatsheng. Ditlhakantsho tse di bidiwa ‘dikhontinenete tse di nnye’.
Ka nako e le nngwe, matlapa a tlhagelela fa godimo ga metsi go tsweletswa ka go gogolwa ke phefo le metsi a a elelang, le manathwana a matlapa a a lapileng a ne a na le masaledi go bapa le molelwane o mo magareng ga lefatshe le lewatle jaaka setlhopha sa setlhaba, matlapa a setlhaba le matlapa a seretse. Kontinente ya ntlha e ne e diragala.
Go kgaola kanelo e telele, dikontinente tse tsa pele tse di kokobetseng mo godimo ga metsi di tswelela pele go gola, ka ge di ne di sa kitlana thata go feta boalo ba lewatle fatshe, di supile di le thata go dira moselenyana o o kwa fatshe. Dikarolo dingwe tsa legogo la kontinente ka jalo di tsweletse ka tsela nngwe ya dingwaga tse dibilione di le 3 tse di latelang. Di ne di ka tswanela ke go kgaoganywa le go tlhakanywa gape makgetlo a le mmalwa, fela di ne di sa sengwa kgotsa go boelediwa. Gompieno, re bitsa dikarolo tse di tlhomameng tsa legogo la bogologolo, ‘cratons’.

Lefelo le le sa Amegang fa Dinaga di Kgaogana Kgotsa fa di Tlhakana tsa Kaapvaal

Lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana lengwe la pele thata mo polaneteng ke Lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la Kaapvaal, le le sa ntseng le ntse kwa boteng jwa pelo ya Borwa jwa Aforika. Bogolo jwa kwa tshimologong jwa lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana ga bo itsiwe, mme tshekatsheko e bontshitse gore mo kgaolong ya botlhaba ya Aforika Borwa, karolo ya bophirima ba Australia, India le Madagascar mo nakong nngwe di ne di kgomarelane mo kontinenteng e ya bogologolo.
Mo dingwageng tse di latetseng, dillaga tse di šwa tsa matlapa tse di neng di le mo godimo ga botlase jwa lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la Granite-Greenstone, mmogo le bokana jo bo kgatlhang jwa diminerale. Lefelo le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana la Kaapvaal le tla nna gape khubu ya thulo ya Vredefort.
Llaga ya ntlha ya matlapa e e tlhamilweng mo lefelong le le sa amegang fa dinaga di kgaogana kgotsa fa di tlhakana ka Kaapvaal le bidiwa setlhopha sa Taolo. Mme e na le llaga ya matlapa a seretse kwa godimo ke llaga e e kimanyana ya matlapa a a molelo. Matlapa a seretse a tlhodilwe fa manathana a a gogolegileng a matlapa a lokelwe ka iketlo mo lefelong le lešwa mme ka iketlo di fetoge go nna letlapa, go ya ka thulaganyo e e bidiwang go dira seretse se nne samente go nna letlapa.
Matlapa a molelo, ka fa letlhakoreng le lengwe, ke tiragalo ya kgwammolelo khupetsong ya godimo le legogo, mme seretse se tsenngwang mo mangeng a legogo go fitlha go tsidifatsa le go tiia. Kelelo ya seretse e e tlhagang mo mo boalogodimong jwa Lefatshe le bona bo ka tlhoma matlapa a molelo.

Translated by Lawrence Ndou