Thulo ya kwa Vredefort

© David Fleminger

Namane e Tona ya Naledi e e Mogatla

Mo dingwageng tse dimilione tse pedi tse di fetileng, go ne go sa ntse go se na dimela mo lefatsheng, mme letshwao la botshelo fela e ne e le twatsi. Mme, le fa go le jalo, dilo di ne di tla fetoga go nna sengwe se se maswes. Namane e tona ya naledi e e mogatla e gogetswe mo maatlakgogeding a naga ya mo Lefatsheng mme e ne ya oketsa lebelo go leba kwa tlase boalogodimong jwa polanete. Fa ditwatsi di ne di na le maoto, di ne di ka bo di tshaba!
Ga re na boammaruri gore naledi e e mogatla e ne e le asteroid (marungwana a a tiileng, a matlapa) kgotsa naledi e e mogatla kgotsa (ka khubu e e dirilweng ka segagane le matlapa, a a setseng mogatla wa gase).
Kgotsa ga re na le boammaruri ba gore e ne e tsamaya ka bonako jo bo ka na kang, le fa e le gore gongwe e ne e feta dikhilometara tse di 20 ka motsotswana. Go bona ka selekano sa khuti e e tlhamegileng, le fa go le jalo, difopholetso tsa bogolo jwa yona bo farologane mo gare ga dikhilometara tse 5 le 15 go kgabaganya, go ya ka lebelo le le akantsweng, boima, kitlano le khutlo ya thulo. Se se e dira gore e nne kgolo go feta Thaba ya Tafole!

E Biditse Ka Natla!

Jaaka fa naledi e e mogatla e tla fa gaufi, Lefatshe le ne la santse le gakgametse… mme e ne ya e betsa. Ka natla! Ntlha ya thulo e ne e le gaufi le tseya ya segopieno ya toropo ya Vredefort, e e ka nnang dikhilometara tse di 120 go ya kwa borwa-bophirima jwa Johannesburg, le ditlamorago di neile tlhaloso e natšhwa mo go lereo ‘matlhotlhapelo’.
Fa e betsa, maatla a tsamayang ya lerungwana e ntshitse ditone tse dikgolo thata tse di lekanang dimilione di le 100 tsa taenamaete – seo ke maatla a thunyo a diterilione tse di 100. Ka tshwantshanyo, bomo ya nyutlelia e e maatla go gaisa e ekileng ya thuntsha e ne e le fela ya kumo ya ditone tse dikgolo thata tse di 50. Mo nakong ya metsotso, bokana ba 70 000 tsa dikhubiki tsa dikhilometara tsa lefatshe di ne di setse di phuntswe mo mmung mme tsa fofisetswa kwa moweng, mme ya ragela leru la lorole le legolo thata le le roletswe le le ileng kwa lefaufaung mme la thiba letsatsi. Matlakala a matlakala a wa jaaka pula e e bolayang e e katolositsweng ka makgolo a dikhilometara le diphefo tse di tsubutlang go ralala lefatshe, ka bontsi jwa diketekete tsa dikhilometara ka ura.
Khuti e e fetang dikhilometara tse di 50 e ne ya epiwa go tswa mo nageng mme le lefatshe le ne la fetolwa go tsa kwa ntle go ya fa gare. Mo godimo ga tlhakatlhakano e ya ntlha, gape thulo e ne e ya tlhola dikgosomano tsa mmu, dithoromos, go thubega ga legogo le mefuta e e farologaneng ya matlhotlhapelo a tlhago a a neng a utlwala go ralala lefatshe.

Kgolokwe ya kwa Vredefort

Dipota tse di moela tsa khuti ya tshimologo di wele ka bonako, le fa go ntse jalo, le huti e e seng boteng ka molagare o o ka nnang dikhilometara tse di 300 di ne tsa tlhamiwa mo boemong jwa yona. Ka mo gare, tshegetso e e mo gare e tlhageletse fa mmu o o kitlaneng ya biditse ya boela morago mo sebopegong se tshwanang le kgolokwe, jaaka go katsha go o go dirang fa o wela mo letangwaneng la go thuma.
Kgolokwe ya kwa Vredefort e ne e dirilwe. Palo ya mebotwana e iphtlileng, e e sediko e gape e dira dikgaotso tsa ka metlha mo khuting, jaaka makhubu mo lekadibeng le le tshogile. Ka go sa dumelesege, bontsi jwa ditiragalo tse dikgolo tse diragetseng mo metsotsong e le 15 ya thulo ya tshimologo! Fa go ne go na le mofuta ope fela wa botshelo mo Lefatsheng, kwa ntle ga ditwatsi, e ne e tla feletsa e le phediso ka bontsi ya botshelo jwa ditshedi tse dintsi mo lefatsheng.
Nnete ke gore, e ne e le mmaagwe tlhaselo ya naledi e e mogatla – tiragalo ya thulo e e kgolo go di feta tsotlhe e e santeng e tla supiwa mo lefatsheng. Ka jalo, a re emela gore lorole le nne fatshe mme o tseye kgato go ya gaufi o nne le tebelelo e e gaufi.

Translated by Lawrence Ndou