Disenyi tsa Terebe - Khukhwana ya Sefene

© Prof Piet Goussard Winetech
Khukhwana ya sefene e e tlwaelegileng mo diterebeng tsa mofeine ke Phlyctinus callosus. Tshenekegi eno e tlhasela makukunya, matlhare, matlhogela a morara le dingatana tsa terebe, mme e ja diphatlha mo matlhareng le mo matlhogeleng. Lekola merara gangwe le gape go sale gale mo setlheng go bona kgonagalo ya go senyega kgotsa go nna teng ga dikhukhwana tsa sefene. Jaaka e tsamaya go tswa mo mmung go ya kwa kutung, letlhogela le tlogelwa fo tlase go ikala le kutu e le sesupo sa tshenyego ya dikotla. Dikhukhwana tsa sefene di nna teng mo tshimong ya morara ngwaga otlhe, fela di tlogela merara fela fa matlhare a sena go wela fatshe go iphepa ka mofero o o jaaka curly dock – e leng sejalô sa tshwaro sa maemo a a kwa godimo.

©Prof Piet Goussard Winetech
Taolo nngwe le nngwe ya dikhukhwana tsa sefene e tshwanetse go dirwa go ya ka melawana ya IPW (Integrated Production of Wine Scheme). Sekai, mokgatlho o gakolola gore pyrethroids e se gaswe. Diboloyadisenyi tseno di na le dilo di le dintsi tse di leng kotsi go baba ba tlhago ba disenyi tsa merara. Seno se ka baka gape go nna teng ga disenyi tsa gotla-morago jaaka motlhwa o mohibidu wa segokgo. Dipatlisiso di supile gore mefuta e mebedi e e farologaneng ya khukhwana ya sefene e ka laolwa ka dikganedi tse di kgomarelang tsa kutu.

Translated by Nchema Rapoo