Disenyi tsa Terebe - Dikgopa le Ditsie

Dikgopa

©Abraham Vermeulen ARC Infruitec
Dikgopa tse di farologaneng di fitlhelwa kwa Kapa Bophirima, sekai, kgopa e e borokwa ya tshingwana, kgopa e tshweu ya lerotobolo le kgopa e e methalo ya sebopego sa khounu. Dikgopa di relelela go ya godimo mo kutung ya morara mme di senya makukunya le matlhogela a mannye mme di iphepa ka matlhare. Merara e tshwanetse go sekasekwa ka metlha go lemoga tshwaetsego. Taolo ka khemikhale e ka dirwa ka go dirisa sejaretsi sa kgopa se se rebolwang mo maemong a a bongola mme dipidipidi di diriswa jaaka taolo e e tshelang. Laola dijalô-khurumetsa le mefero mme o jale sejalô-khurumetsa se se sa gogeleng dikgopa. Ela tlhoko dikhutlhwana tsa tsadiso tsa dikgopa kwa ntle ga tshimo ya morara, sekai, go ikala le ditselana tse metsi a elelang mo go tsona.

Ditsie tsa Manaka-Telele

©Marce Doubelle
Ditsie tsa manaka-telele ke ditshenekegi tse di fofang tse o kareng ke senyetse, tse di senyang merara thata. Diphatlhana mo matlhareng ke letshwaô la tshwaetsegô. Di farologane le dikhukhwane tsa sefene tse di jang matlhare a morara mo matlhakoreng, ditsie tsa manaka-telele di iphepa ka karolwana nngwe le nngwe ya letlhare. Maemo a bosa e ka tswa e le lengwe la mabaka a go tlhagelela ga ditsie tsa manaka-telele: mariga a a bothitho a omeletse a thusa go thuthusa mae. Ga gona sebolayadisenyi sa khemikhale se se kwadisitsweng kgatlhanong le tsie eno, fela dibolayadisenyi tsa dikhukhwane tsa sefene di ka fokotsa go tlholega ga yona. Go dirwa dipatlisiso ga jaana go bona taolo ka ditshedi ya ditsie tsa manaka-telele ka mouta le dijadingwe.

Translated by Nchema Rapoo