Dijalo tse di Khurumetsang

©Louise Brodie
Dijalo tse di khurumetsang di jalwa mo magareng a ditshimo, gantsi ka mokgwa-thulaganyo wa go dikolosa go tloga mo ngwageng o le mongwe go ya go o mongwe. Seno se dirwa ka ntlha ya mabaka a a farologaneng; thata-thata go khutlisa kgolô ya moferô, mme fela le go fokotsa mowafalo, go tokafatsa sebôpegô sa mmu le tsenelelô ya metsi le go fokotsa kgogolêgô ya mmu kgatlhanong le mokgokolosa. Nako e e siametseng jalô ya dijalo tse di khurumetsang ke kwa bokhutlong jwa selemo fa themphoritšhara ya mmu e santse e le kwa godimo gore peo e ka mela, mme pula e setse e nele go lekane, gantsi mo bogareng jwa Moranang go ya kwa bokhutlong jwa Motsheganong.
Tlhopho ya dijalo tse di khurumetsang gantsi e laolwa ke mofuta wa mmu le sejadi sa terebe ya mofeine se se jadilweng. Sejalô se se khurumetsang sa leruri se ka jalwa fa thoko ga merara e e golang ka nônôfô, fa merara e sa goleng sentle e ka ungwelwa gotswa go monawa o o tsenyang nitrogen mo mmung. Dijalo tse di khurumetsang tse dingwe di tla thusa go ntsha bongôla jo bo feteletseng gotswa mo mmung. Sejalô se se khurumetsang se se tumileng ke triticale (motswako wa korong le rye), fela batlhagisi ka bontsi ba ithatela go jala metswako ya dipeo.

©Francois Viljoen Wineland
Dijalo tse di khurumetsang laolwang ka khemikhale kgotsa metšhine di ka bopa tlhokakhabone e e kitlaneng mo boalông jwa mmu e e fokotsang themphoritšhara ya mmu mme e laole tatlhegelo ya metsi go tswa mo boalông. Tlhokakhabone eno e ka tsena mo mmung go thusa go tokafatsa sebôpegô sa mmu le bokgoni jwa mmu jwa go somarela metsi. Nako dingwe dijalo tse di khurumetsang di dira jaaka mosutele o motala fa dijalo tse di nnye tse tsennywa mo mmung. Dijalo tse di khurumetsang di tlhophiwa go ya ka tiriso e e rileng.
Monawa (jaaka lupins, clover, vetches le serradella) o lomaganya nitrogen mo lefaufaung mme o e gololele mo mmung go oketsa nitrogen ya mmu. Dijalo tse di khurumetsang dingwe di tlhophelwa bokgoni jwa tsona jwa go nêêla dilo tse dijang dimela bodulô. Di ngôka ditshenyekegi tse e leng baba ba tlhagô ba merara. Dikai tsa dijalo tse di khurumetsang tse di siameng ke rapa le mustard o mosweu. Mustard o mosweu le Saia oats di mosola gape jaaka dijalo tsa allelopathic go gatelela kgolô ya moferô.
Dinawa tsa Fava di siametse mmu o o metsi o o nang le esiti mme di thusa ka nôntshô ya nitrogen. Dijalo tse di khurumetsang tse dingwe jaaka thorô ya korong le paspalum di dira jaaka dikhurumetsi tsa mmu kgatlhanong le kgogolêgô. Go efoga kgaisanelo ya dikotla le merara, dijalo tse di khurumetsang di a menwa sephaphathi kgotsa di a bolawa ka Lwetse fa go phanya ga lekukunya go simolola.Translated by Nchema Rapoo