Desmond Tutu: Monna yo o mo Morago ga Botumo jo bo Gaisang

Monna wa Dillaga tse Dintsi

©Eric Miller
Desmond Tutu o tlhalositswe jaaka monna wa dillaga tse di dintsi le dikgotlhang tse ganetsang. Batho ba a rakaneng le bona ka nako ya thuto ya gagwe kwa Engelane ka bo1960 ba ne ba tshositswe ka segongwe sa lorato la gagwe la Seaforika le tlhaelo ya thibelo. Ka bonako o itirile gore a ratege go bona, bokgoni jo a bo tsweleditseng mo botshelong jwa gagwe jotlhe. O itsege e le motho yo o masisi, mowa wa lerato: sengwe se mosadi wa gagwe gantsi a neng a tshameka ka ene ka sone gantsi. Ka tlholego ya gagwe e bonolo le tlhokomelo le boikanyego jwa sewelo, o itsege ka go nna bonya go galefa mme o ne a ka se gobatse mongwe ka maikaelelo. Tutu o itsege gape ka go re dirang ka natla le go nna botlhale thata.

Ke monna wa maitseo, o na le phisego e ka go tshegetsa dingwao le mekgwa ya Seaforika. O ela batho tlhoko, mme o netefatsa gore o a dumedisa, o gakologelwa matlha a a botlhokwa, jaaka malatsi a tsalo, o leboga batho, o tshwara nako, mme ga a nke a tsaya karolo mo lesebong. Go dira jaaka moruti o dirile maiteko a a kgethegileng a go itisa le go etela ditokololo tsa kereke ya gagwe.

Tutu o bua Seesimane, Sethosa, Sezulu, Sesotho le Setswana mme o ne a akgolelwa go le gantsi go sebue sa setšhaba. Dipuo tsa gagwe di itsege ka go nna tsa botswerere, metlae le ya go tshwara. Tiriso ya gagwe ya puo le bokgoni jwa go bolelela kgang e e siamenge isa kwa morago go tswa loratong lwa gagwe lwa go buisa le ditlhangwa. Gape o rata metshameko le mmino wa tlelasiki.

A tlhama lereo “setšhaba sa molalatladi”, Tutu o tshegetsa kgopolo ya Botho. O tlhalosa Botho jaaka: “go nna bonolo, kutlwelobotlhoko, kamogelo, phuthologo go ba bangwe, koafalo, go nna teng mo go ba bangwe le go itse gore o bofagane le bona mo kgobokanong ya botshelo”. O rata polelo ya Sethosa e e reng “motho ke motho ka batho ba bangwe” go tlhalosa maikutlo a gagwe ka ga botho.

Mmueledi wa Thutabomodimo ya Bantsho

Tutu o itlhalosa a re ke mososhiale. O dumela gore go ya ka mokgwa wa bokapitale ya gore phkojwe go tshela yoo ditshetsenyana go rotloetsa dingwe tsa diponagalo tse di maswe thata mo bathong. Ntle le nyalano ya gagwe le maitlhomo a bososhiale, o tshwaya phoso sebopego sa Marxism-Leninism sa bososhiale, se se rotloetsang sekomanisi le boatheise. O ne a tshwantsha tsela eo dipuso tsa boMarxist di tshola boagi ba tsona le tsela eo National Party e tsholang Maaforika Borwa. Bogolo, ke mmueledi wa thutabomodimo ya bantsho le thutabodumedi ya Seaforika, a batlang go kopanya dikolo tse pedi tsa kakanyo ya thutabomodimo ya Sekeresete. O rotloeditse go gana mekgwa ya Bophirima go lejwa e le kwa godimo mo mekgweng ya Seaforika. O ne a tsweletsa kakanyo ya motheo ya kopano ya Maforika

“Rotlhe ga rona re bofagane go Mmme Afrika ke makopanyi a a sa bonaleng mme a nonofile. O tlhokometse dilo tse di leng botengteng mo go rona bantsho” - Desmond Tutu

Tutu o ne a rata dithero le dipuo go na le ditlhamo tsa dithuto go abelana ka dikakanyo tsa gagwe. O tota a a nang le kgatlhego mo dipotsong tse di tlisiwang ke Bokeresete ba Seaforika jaaka tsela ya go emisetsa ya dipuo tsa Sekeresete tsa tumelo ka tsa Seaforika le go go gololwa batho jang. O tshwaya phoso thata wa ditlhaelo tsa thutabomodimo tsa Seaforika mo go rarabolola mathata a loago le go tshisinya gore e tshwanetse go ithuta go tswa mo thutabomodimo ya bantsho mo ntlheng e.

Go tsaya Tsela ya Sekeresete

©Eric Miller
Mokeresete wa boineelo go tloga bongwaneng, Tutu o konotetse mo boteng ba maitlhomo a ditiragalo tsa tumelo. O ne a ngokwa kwa go Boanglican ka gonne o akantse gore bo rotloetsa kgotlelelo le go akaretsa gammogo le go dirisa lebaka kwa thoko le lekwalo la bodumedi le setso. Go setse go rilwe gore go tsaya tsela ya gagwe le dipolotiki ke kgolagano ka tlhamalalo le Bokeresete jaaka a dumela gore ke tiro ya Mokeresete go ganetsa tlhoka bosiamisi.

O dumela gore ga go ka ke ga nna le kgaogano magareng ga bodumedi le dipolotiki ka gonne ga go karoganyo magareng ga makala a semowa le tsa mmele. Le fa go le jalo, o ne gape a dumela gore ga se radipolotiki mme o leka go tila go ithulaganya le mokgatlho wa sepolotiki. O ganane le kakanyo ya gore o tshwanetse go tsaya ofisi ya sepolotiki fa kgopolo e ne e tlhagisitswe ka dingwaga tsa bo1980.

Mo maemong a gagwe a go nna kgatlhanong le puso ya tlhaolele, ytsela ya ga Tutu e ne e le ya temokerasi, ditshwanelo tsa botho, itshokelano le tsweletso ya tlhaeletsano magareng ga a dira. O ne a bua phatlalatsa kgatlhanong le thulaganyo ya tlhaolele, a tshwantsha maitsholo a National Party le a Lkoko la Nazi ya Jeremane le go bapisa molawana wa tlhaolele go Polao ya kgailo.

O eme sentle ka tsepamo ka tekatekano ya lotso, go ngongola tlhaolele bosula mme a tshwaya National Party phoso ka go leka go bolaya setšhaba sa batho-bantsho.

Kutlwelobotlhoko le Boitshwarelo

Le fa e le gore Tutu o ne a le kgatlhanong le puso ya basweu e e kgologolo, ga a ise a ke a nna kgatlhanong le basweu, fa a bala maitemogelo a a siameng a mantsi a a nnileng le one le basweu bobedi ka mo Aforika Borwa le kwa moseja. Toro ya gagwe e ne e le ya poelano magareng ga ditso tse di farologaneng tsa Aforika Borwa morago ga tlhaolele e tlositswe ka botlalo le Maaforika Borwa otlhe, ba filwe ditshwanelo tse di lekanang. O ne a bitsa theo ya gagwe letlhakore le le fentseng mme a bolelela bareetsi ba basweu gore fa puso ya kgatelelo e ne e menotswe ke bantsho ba ne ba tla gakologelwa gore ditsala tsa bone e ne e le bomang.

Fa Tutu a ne a dira dithapelo tsa setšhaba o ne a sa lebale go umaka ba ba neng ba tshegeditse tsamaiso ya tlhaolele gammogo le batswasetlhabelo ba yona. Lebaka la gagwe la se e ne e le tumelo ya gore batlhasedi ba bosenyi ba tlhaolelee ne e se mofuta wa matemone, mme fela ke batho ba ba tlwaelegileng ba ba tshwanelwang ke go bontshiwa kutlwelobotlhoko.

Ka nako ya tiro ya gagwe ya Khomišene ya Nnete le Poelano 'TRC', Tutu o ne a buelela sekao sa Sekeresete sa poelano. O ne a dumela gore ba ba neng ba tsayang karolo ya karatlho mo pusong ya tlhaolele, ba tshwanetse go sokolga, ba tsaye maikarabelo ka botlalo a ditiro tsa bona, ba siametse go amogela ditlamorago, mme batswasetlhabelo ba tshwanetse go dira ka kutlwelobotlhoko le go nna pelotshweu ka ga boitshwarelo jwa bone.

Tshwaophoso ya Baeteledipele

Tutu o supile bopelokgale ka go ka bua phatlhalatsa ka ga dintlha tse di masisi, le fa go ntse jalo, kgaratlho ya gagwe e nnile e e senang tirisodikgoka. O ne a sa dirisi dikgoka jaaka matshosetsi mme o ne a le ka kelotlhoko le go e tshegetsa. O tshwaile phoso bobedi puso ya tlhaolele kgatlhanong le ditlhopha tsa lwela kgololosego ka tiriso ya dikgoka go fitlhelela maitlhomo a bona. Bogolo, o bueletse kgatelelo ya ikonomi ya go tswa kwa dinageng di sele go bewa mo Aforika Borwa le fa e le gore o ne a kopana le tsibogo e e sa siamang go tswa go batshwaya phoso ba ba rileng gore tekanyetso e e tla nna fela e e tla gobatsang bantsho ba Aforika Borwa ba ntseng ba le dikobo dikhutswane.

Desmond Tutu o ne a sa kgone go itshwara mo tshwaong phoso ya gagwe ya baeteledipele bao a neng a akantse gore ba itshotse ka mokgwa o o sa siamang. O ne a bua kgatlhanong le baeteledipele ba bantsho ba Dinagamagae are ba ne ba na le bonweenwee mme ba lebile fela dikgatlhegelo tsa bona ka go gobatsa batho ba ba neng ba na le maikarabelo mo go bona. Baeteledipele ba sepolitiki ba Bophirima ba amogetse tshwaophoso ya ga Tutu ka go tsweletsa dikgolagano le Aforika Borwa. O rile are tshegetso ya bona ya molawana wa bosemorafe o o tsentsweng e ne e le bosemorafe ka mo letlhakoreng la bona.

Go Tsibogela Tutu

©Eric Miller
Tsibogo go Desmond Tutu e ne e le e e farologaneng mo dingwageng tse di fetileng. Gompieno ke mongwe wa baeteledipele ba sedumedi ba ba tlotlegang thata ba Aforika Borwa, mme mo nakong ya bo1970 le dingwaga tsa bo1980 dikakanyo ka ga gagwe go le gantsi e ne e le ya go rata go go maatla kgotsa letlhoo. Mo bantshong ba Aforika Borwa ba le bantsi, e ne e le letshwao la phitlhelelo ya montsho mme o dirile jaaka lentswe go bao ba senang lentswe, le fa go e le gore bangwe ba ne ba mo tshwa diphoso ka bo bua mo boemong jwa bona kwa ntle ga go rerisana le baeteledipele ba baagi le go nna botlhofu le basweu.

Basweu ba kelotlhoko ba le bantsi ba Maaforika Borwa ba ne ba galefisitswe ke kgoeletso ya gagwe ya dikiletsokotlhao tsa ikonomi kgatlhanong le naga, ba mo latofatsa ka go nna sediriswa sa go fitlhelela bokhutlo ba bokomonisi mme ba ne ba tshoga gore a ka rotloetsa tirisodikgoka. Puso ya tlhaolele e dirile go tletse seatla go mo tlontlolola ka matsholo a bona a a neng a fetolela mafoko a gagwe ka maikaelelo a go mo senya leina mo setšhabeng.

Translated by Lawrence Ndou