Ya iSimangaliso Wetland Park

© Roger de la Harpe

iSimangaliso ka Tadinyô

‘Wetland Park e tshwanetse ya bo ele lona fela lefelo le le nosi mo lefatsheng kwa seamusi sa mo mmung se se gologolo go gaisa mo lefatsheng (tshukudu) le phologolo ya fa fatshe e tona go gaisa mo lefatsheng (tlou) di aroganang thulaganyotshedi le tlhapi e kgologolo go gaisa mo lefatsheng (coelacanth) le seamusi sa lewatle se se tona go gaisa mo lefatsheng (leruarua).’ Nelson Mandela
Cape Vidal kwa iSimangaliso Wetland Park ke setheo sa KwaZulu-Natal. Se neelana ka kopanyo e e ikgethileng ya sekgwa, lobopo le toropo, ke mmamoratwa wa lolapa.
iSimangaliso Wetland Park e kaile semmuso fa ele Lefelo la Ngwao ya Lefatshe la ntlha mo Afrika Borwa ka 1999, mme go lemogwa botlhwatlhwa jwa lona mo lefatsheng jaaka lefelo le le nang le bontle jwa tlhagô jo bo gaisang, botshedisanotshelo jo bo botlhokwa le lefelo la ditsamaiso tse di botlhokwa tsa kamanô ya ditshedi.
Serapa sa bogolo jwa 332,000 hectare se na le dithulaganyo tse tharo tse kgolo tsa matsha, dithulaganyotshedi di le robedi tse di gokaganeng, setso sa botshwara-tlhapi sa bogolo jwa dingwaga di le 700, bontsi jwa dikgwa tsa motsitlane tse di setseng mo Afrika Borwa, thulaganyo ya makopanelo a noka le lewatle e kgolo mo Afrika, mefuta ele 526 ya dinonyane le marotobolo a lobopo a bogolo jwa dingwaga di le 25,000.
Serapa se laolwa ke iSimangaliso Wetland Park Authority ka tshwaraganelo le Ezemvelo KZN, e e tsamaisang dikarolwana tse di farologaneng tsa bojanala le lephata la tshomarelotlhagô, ga mmogo le bannaleseabe ba selegae, jaaka morafe wa Bhangazi, eleng badudi ba kwa tshimologong ba Mabopo a Botlhaba. Ke thulaganyo e e matswakabele e maitlhomo a yona eleng go senka tekatekano magareng ga tshomarelotlhagô le go ungwelwa ga merafe ya selegae. Ka ntlha ya seo, ke sekai sa ka fao dirapa di le di ntsi mo Afrika di tlileng go tsamaiswa ka teng mo isagong.
Tlhabololo ya iSimangaliso e tsweletse. Go feta 14,000 hectares tsa masimo a kgwebo a setse a tlositswe mme lefatshe le tsosolotswe. Diphologolo tse di tlhaga tse di jaaka tlou, tshukudu e ntsho le e tshweu, nare, lengau le letlhalerwa di buseditswe. Isimangaliso e kaya gore ‘dimakatso le diaba’ ka seZulu. Ga go thata go bona gore ke ka ntlha ya eng.

Translated by Nchema Rapoo

Ditsobotla le Matsha a iSimangaliso

Letsha ke katoloso e e kwa bokone jo bo kgakala ya iSimangaliso Wetland Park, mme molomo wa lona o ikgarile 3 km fela kwa borwa jwa molelwan...more

Ntlwanaboithusetso e e Nang le Tebo ya iSimangaliso Wetland Park

‘Lebile’ ele lefoko le le maleba, ka gonne le fa ntlwanaboithusetso e na le borulelo jo bo bonolo le dipota tsa lotlhaka mo matlhakoreng...more

Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe la iSimangaliso

Greater St Lucia Wetland Park, e ga jaana eleng iSimangaliso Wetland Park, e supilwe semmuso fa ele Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe ka 199...more