Ntlwanaboithusetso e e Nang le Tebo ya iSimangaliso Wetland Park

Mokgoro wa Thaba ya Tabor

©Roger de la Harpe
Mokgoro wa marobalo wa Mziki Hiking Trails kwa iSimangaliso Wetland Park o ne kwa tshimologong o agilwe jaaka lefelo la tebelelo le tshekatsheko ya metsamao ke mophato wa Catalina o o tsomang ka sekepe sa U-boat, o o neng o itlhomile fao ka motsi wa ntwa ya bobedi ya lefatshe.
Se ba neng ba se dira go ka tlhapa se tletse magatwegatwe, fela gompieno batlhotlhomi ba tlhapa ka fa tlase ga kgamelo mo sekgweng sa lerotobolo fa morago ga mokgoro, fa ntlwanaboithusetso ele sekgala se se sareng sepe go kgokologa le tselana e e fa pele ga ona, mme e lebile tsharamo e kgolo ya St Lucia Estuary. ‘Lebile’ ele lefoko le le maleba, ka gonne le fa ntlwanaboithusetso e na le borulelo jo bo bonolo le dipota tsa lotlhaka mo matlhakoreng ale mararo, tebo e e fa pele e kgoreletswa fela ke kakanyô ya gago.

Translated by Nchema Rapoo