Ditsobotla le Matsha a iSimangaliso

Lefelo la Dimakatso

©Roger de la Harpe
Se re neng re se itse jaaka Greater St Lucia Wetland Park ya KwaZulu-Natal se fetotswe leina semmuso go nna iSimangaliso, ‘lefelo la dimakatso’, eleng se se se kayang ka puo ya selegae – mme ke leina le le matshwanedi thata. Serapa se na le tshidisanotshedi e e gaisang, e e nang le dithulaganyotshedi tsa lewatle, lobopo, letsha, makopanelo a noka le lewatle, sekgwa, ditsobotla, savanna le dinaga tsa bojang, mme di kopantswe le diphologolo tse di tlhaga tsotlhe tse di tsamayang le tsona – go tloga ka dishaka le dikwena goya go dintsu le ditshukudu. Gape kwa iSimangaliso go na le Letsha la St Lucia, eleng karolo e tona go gaisa ya metsi a a mo nageng-gare mo Afrika Borwa, ga mmogo le matlapa a lewatle a a kwa borwa jo bo kgakala jwa Afrika.

Letsha la Sibaya

©Roger de la Harpe
Mokgwa o moša wa go thea le go fetola maina o o padimotseng naga ya rona o ka etsaetsisa nako dingwe, ka maina a pele ga paka ya bokoloniale a busetswa mo boemong jwa a paka ya bokoloniale, mme gape go na le tema ya maina mangwe a a fetolwang nako nngwe le nngwe fa mmepe o montšhwa o tlhagelela (Umfolozi/uMfolozi/Mfolozi/Mfolosi/lmfolosi ke sekai se sengwe). Ka jalo go a kgonega gore leina la ga jaana la ‘tshwanelo’ la letsha la tlholegô le le tona go gaisa mo Afrika Borwa ke Sibayi, mme eseng Sibaya.
Legale, letsha leno la Zululand le tletse ka ditlhapi le dikubu le dikwena. Fa letsatsi le wela mme dintsu tsa tlhapi le badisane di fofela fa godimo ga metsi goya go robala kwa tlhakoreng la lona mo ditlhareng tsa sekgwa sa lerotobolo, mme dikubu di simolola go thulana le go ‘edimololanela’, setshwantsho se se bopilweng ka bontsho le bohibidu jo bo fifetseng ke sengwe sa tse di tswang kwa pakeng ya Pleistocene, pele re latlha matlapa mme re tshola dikhomphiutha le di-4x4. Se gaisa fa se lejwa gotswa mo mokorong, morago ga moo o ema mo lobopong mme batho ba ba botsalano gotswa go lefelo-borabalo la selegae ba tlhomile tafole ka bara ya nakwana.

Letsha la Ku-Hlange

©Roger de la Harpe
Le itsagale gape jaaka Letsha la Kosi, Letsha la Ku-Hlange mo bonneteng ke motseletsele wa matsha a lobopo a a itsagaleng thata ka dirai tsa thobane tsa di tlhapi tse baTsonga ba selegae ba di dirisang go thaisa ditlhapi. Dipopegotheo di tota di le botsipa, di gapela ditlhapi mo gare ga motseletsele wa ‘masaka’ a mo metsing go tsena ka mo diraing tse kgolo tsa sebopego sa hutshe ya moloi. Dirai ga di kotsi mo tikologong, ga di letle fela ditlhapi tse di potlana le ditshidinyana tsa metsi go ka ngweega, fela gape di dirilwe gotswa mo logong lwa selegae mme tsa kgomagantswa ka matlhare a a kgabetleletsweng a dipalema tsa raffia tse di tlhogang mo tikologong.
Dirai di fetiswa gotswa go rre goya go morwa, jaaka di sale di ntse teng dingwaga di ka nna 700 tse batho bano ba baNguni ba di dutseng mo lemoragong leno la metsi le le moruo. Letsha ke katoloso e e kwa bokone jo bo kgakala ya iSimangaliso Wetland Park, mme molomo wa lona o ikgarile 3 km fela kwa borwa jwa molelwane wa Mozambique.

Translated by Nchema Rapoo