Tshupô ya Phiri e e Borokwa

©Roger de la Harpe
Phiri e e borokwa (Hyena brunnea) e itsagale gape jaaka strandwolf – lefoko la se- Afrikaans le le rayang gore “sefêlaphiri sa lobopo” fa le fetolelwa ka tlhamalalo go English - ka ntlha ya mokgwa wa yona wa go sasanka go ikala le lobopo mo patlong ya dijo.
Ke mofuta wa boraro ka bogolo mme e ka supwa gotswa mo diphiring tse dingwe ka boboa jo bo telele jo bo marukhwi, jo bo mmala o o borokwa jo bo tseneletseng kgotsa o montsho mo mmeleng, mme mmala o sefetlhefale mo molaleng le magetleng. Tse di golo di golela kwa boleeleng jwa 130 cm goya go 160 cm, mme ditona di bokete jwa 47 kg mme dinamagadi di bokete magareng jwa 42 kg.
Maoto a kwa pele a phiri e e borokwa a na le methalo e e rapaletseng, mme a ma telele go feta a a makima a kwa morago, mme seno se bake gore magetla a yona a nne kwa godimo go dirope. Ditlhogo tsa tsona di kgolo mme di na le boboa jo bonnye go na le dikarolo tse dingwe tsa mmele, mme di na le ditsebe tse telele di le motsu.
Phiri e e borokwa gantsi e tshela ka ditshika tse di akaretsang maloko ale mane goya go ale someamabedi, fela ditona le dinamagadi dingwe di ka tlhotlhoma di le nosi. Dinamagadi di tsadisana le tona-tshimolodi e e renang, kgotsa ditona tse di tlhotlhomang di le nosi tse di tsenang mo kgaolong ya tshika. Ditona tse di tlhotlhomang gantsi di fitlhelela dinamagadi tse di mo seêmông tsa tsadisano ka go nkgelela, di dirisa matshwao a monkgo a kgaolo le mafelo-boithusetso a a dirilweng ke tshika.
Phiri e e borokwa e siamela tsadisano fa ele bogolo jwa dingwaga di ka nna pedi le halofo. Paka ya tsadisano gantsi e simolola ka Motsheganong go fitlha Phatwe, go ikaegile ka go nna teng ga dijo. Dinamagadi di tsalela mo mengôbông e e itlhaotseng, mme di hudisetse bana ba tsona kwa tshikeng dibeke di le mmalwa morago ga tsalô.
Go tsalwa ngwana goya go le ba batlhano morago ga paka ya go dusa e e fitlhang go malatsi ale 100. Ba tlile go anya gotswa mo go mmaabona go fitlha fa ba le dikgwedi di le some le bone.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Nigel Dennis
Diphiri tse di borokwa ka nako e ntsi ke diselasedi, tse di jang mefutafuta e e anameng ya ditshidikokotlo, ditshenekegi le maungo. Gantsi di fula ka bonosi, fela diphologolo di le mmalwa gotswa le kwa ditshikeng tse di farologaneng di ka kokoana go iphepa ka setoto se se golo. Di matlhagatlhaga thata bosigo, fela di dira go feta motshegare, fa dijo di le sewelo.
Ke batsomi ba ba bokoa, ka jalo setsongwa se se tshelang se bopa karolo e potlana ya phepô ya tsona. Phiri tse dingwe fela nako dingwe di ka fetoga go nna magodu a leruo.
Balemirui ba tshwanetse go gopola gore fa ba bona phiri e e borokwa e ja setoto ga go reye gore ke yona e bolaileng phologolo eo.
Goya ka Predation Management Manual, setsongwa se tshwarwa gotswa kwa morago, se digelwe fatshe mme se bolawe ka go se tšhwetla tlhogo ka ditlhaa tse di thata, molongô fa morago ga lerapo la tlhogo o o tšhwetlang le go bula boko kgotsa molongô mo letlhakoreng la molala, ka leino le le esi gaufi le leitlho la setsongwa, mme le lengwe fa botlaseng jwa kgokgotso.
Diphologolo tse di nnye di tlile go jewa gotlhelele, fa go tlilwe go ka tlogelwa fela karolwana ya dikgopo fa setsongwa ele se se golo. Lerapo la tlhogo kgotsa marapo a magolo a setsongwa a ka tswa a tšhwatlilwe. Mateng ga se gantsi a jewa.

Taolô

©Roger de la Harpe
“Go tlhokomela” diphiri tse di borokwa go ka nna le ditlamorago tse di ntle, ka ge kgaisano le ditlhasedi tse dingwe tse di nnye tse di jaaka phokoje e ka thusa go kganela ditatlhegelô tsa leruo. Mo dipolaseng tsa botsomi, di tshameka gape karolo e e botlhokwa mo go thibeleng kanamô ya malwetse ka go phepafatsa ditoto.
Lekwalotetla le a tlhokagala go tshwara le go golola phiri e e borokwa, ka ge ele leloko la lapa la phiri le le sewelo go gaisa, e nankolotswe jaaka setshedi se se mo kotsing ke International Union of Conservation of Nature. Goya ka Predation Management Manual, serai sa hôkô sa nkwe ka setoto sa konyana jaaka setsietsi se ka diriswa ka katlego e e rileng.
Legora la motlakase ke nngwe ya ditsela tse di gaisang tsa go tshola phiri e e borokwa kwa ntle ga leruo, fa go tsenngwa ga diruiwa mo lesakeng, badisa le diphologolo tsa tiso go ka diriswa go sireletsa diphologolo kgatlhanong le diphiri tse di borokwa.

Translated by Nchema Rapoo