Tshupô ya Nkwe

©Shem Compion
Leina la nkwe (Panthera Pardus) le bopilwe gotswa mo mafokong a seGerika a a kayang tau le panther, ka ntlha ya tumelo ya maloba ya gore dinkwe e ne ele letsopa-tswakwa gotswa magareng ga tau le panther. Nkwe e tlhaloswa fa ele nngwe ya dijanama tse di kgolo tse di leng thata go bonwa.
Nkwe ya Afrika e farologana ka bogolo le ka mmala goya ka lefelo le bodulo tsa yona. Goya ka South African National Biodiversity Institute (SANBI), mmala wa yona o farologana gotswa go serolwana se se timpetseng goya go bogauta jo bo tseneletseng kgotsa serolwana-borokwa, ka dipharologano tse di ntsho le bo- strawberry tse di bakilweng ke bomadi jwa autosomal recessive.
Dinkwe tsa Kapa gotswa kwa dikgaolong tsa lobopo tse di dithaba tsa Kapa Bophirima di dinnye thata mo go dinkwe tse di fitlhelwang go ralala le naga, ka ditona tsa bokete jo bo ka nnang 31kg le dinamagadi tse di ka nnang 21kg. Ditona kwa Kruger National Park, mo go sa tshwanetseng, di ka nna le bokete jo bo ka nnang 58kg, fa dinamagadi di le bokete jo bo ka nnang 37,5kg.
Le fa go le jaana, kanamô ya selegae ya nkwe ya Kapa e kgolo ka ntlha bokwatlase jwa go nna teng ga dijo, ke kanamô ya magareng ga 200 km² le1000 km², fa go bapiswa ya dinkwe tse di kwa Kruger National Park, tse di anameng magareng ga 25 km² to 50 km².
Fa mangau a na le dikolo tsa bongwe ka bongwe, dinkwe di na le masaka a dikôlô a a itsagaleng jaaka rosettes mo mebeleng ya tsona, le dikôlô tse di ntsho mo maotong, tlhogong, matlhakoreng le mo bomoragong jwa tsona. Di tletsetletse dikôlô mme ga di na mela e mentsho ya lengau mo sefatlhegong.
Ka kakaretso di ithatela meboto le dikgwa tse di mo dintshing tsa noka mme di efoga dikgwa tsa bojang. Goya ka SANBI, meboto e thophwa jaaka mafelo a mongôbô a dinkwana le mafelo a botlhodi a go bona ditlhaselwa. Le fa dinkwe di siamela tsadisano go simolola fa di le dikgwedi di ka nna 24, gantsi di tsadisa fela fa di le bogolo jwa dingwaga di le tharo. Go tsalwa dinkwana di le pedi goya go tharo mo tlhatsong ele esi, morago ga go dusa paka e e ka nnang malatsi ale 100.
Dinkwana di a tsalwa le go fitlhwa mo gare ga dimela tse di kitlaneng. Di bokoa thata ka ngwaga wa ntlha ya botshelo jwa tsona, segolo thata fa di tshela mo kgaolong e dijo di leng loleya. Goya ka SANBI, dintshu tsa dinkwana di farologane magareng ga 35% le 90%, go ikaegile ka bodulo. Dinamagadi di godisa dinkwana ntle le thuso epe. Dinkwana ka tlwaelô di sia mmaatsona fa di le bogolo jo bo ka nnang dikgwedi di le 15.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Roger de la Harpe
Dinkwe ka kakaretso ke dibata tsa bosigo, fela di ka nna matlhagatlhaga mo diureng tsa matsha fa di sa kgoreletsega. Phepô ya tsona e farologane, go simolola ka ditshenekegi tse di potlana goya go diamusi le dijanama tse dingwe, fela ka kakaretso di rata ditsongwa tsa bokete jwa 10 kg goya go 40 kg.
Dipalô tsa thwane le phokojwê gantsi di ya tlase mo dikgaolong tse di tshwanelwang ke go gaisanela dijo le dinkwe.
Goya ka Predation Management Manual, nkwe gantsi e tsoma fela leruo mo dikgaolong tse go senang diphologolo tse dingwe. Di itsagale ka go bolaya go feta mo di tlhokang ka teng, fela di ja setoto se le nosi ka nako.
Di bokete ebile di tiile go feta mangau, ka jalo ga di tabogise ditsongwa tsa tsona, mme di a di rataratela le go di tshoganyetsa. Setsongwa se hupetswa ka molongô mo molaleng kgotsa kgokgotsong, mme se gogelwe kwa se ka jewang ka pabalesego, sekai, ka fa tlase ga setlhatsana se se kitlaneng, mo gare ga majwe kgotsa kwa godimo ga setlhare. Matshwaô a mogogobiso goya kwa setsongwa se isitsweng ka jalo a tlile go bonala.
Matshwaô a mongapô le o na a ka bonwa mo seropeng kgotsa magetleng a seruiwa se se golo sa fa gae, fa molala wa setsongwa se se potlana o ka rojwa. Goya ka Predation Management Manual, bontsi jwa boboa bo a kutwa, mme nkwe gantsi e ja gotswa ka fa bogareng jwa maoto a kwa morago le go ja 1 kg goya go 2 kg ya nama. Ga se gantsi di ntsha mateng.

Taolô

©Shem Compion
Dinkwe ke diphologolo tse di sireleditsweng mme kwa Kapa Bophirima, ke fela batlhankedi ba tshomarelo ba ba letleletsweng go ka thaisa dirai tsa hôkô. Kwa diporofenseng tse dingwe, balemirui ba ka ikwadisetsa makwalotetla gore ba thaise ka dirai tsa hôkô, mme ba tshwanetse go golagana le balaodi ba tshomarelo ya tlhagô go ka hudusa dinkwe, fa di sena go tshwarwa.
Dintša tse di disang dinku tsa Anatolian ga mmogo le ditonki di ntse di le mosola mo thibelong ya tlhaselô ya dinkwe, fela dintša le ditonki di tshwanetse go ka godiswa le leruo gore di nne badisa ba ba matshetshe. Fense le lesaka tsa leruo le tsona di tlile go thusa.

Translated by Nchema Rapoo