Tshupô ya Lengau

©Shem Compion
Lengau (Acinonyx jubatus) le tsaya leina la lona la sekgowa gotswa mo lefokong la se-Hindi “Chita”, le le rayang gore “yo o dikôlô” ka ntlha ya dikôlô tse ntsho tse di kgolokwe tse di mo boboeng jwa yona jo bo mmala o o serolwana-borokwa goya go bogauta. Di na le ditlhogo tse di nnye ka matlho a a kwa godimo le ditsebe tse khutswane tse di kgolokwe ka dintlhana tse tshweu.
Mola o montsho o o lebegang jaaka ditselana tsa dikeledi, o tsamaya go simolola fa sekhutlwaneng sa leitlho se se ka fa gare goya go sekhutlwana sa molomo, mme o thusa go monyela phatsimô ka motsi wa go tsoma motshegare. Megatla ya ona e metelele, mme e dikôlô tse ntsho ka ditshekeletsa tse ntsho goya fa ntlhaneng ya mogatla.
Popego ya ona e e bosesane mme e tiile e a kgontsha go taboga go fitlha go 120 km/ura, go di dira diphologolo tsa fa godimo ga lefatshe tse di lobelo go gaisa. Dinamagadi di dinnye go ditona, mme tse di godileng di meta boleele jwa 1,8 m goya go 2,2 m le bokete jwa 40 kg goya go 60 kg.
Goya ka Tenikwa Website, mangau a kaiwa jaaka nngwe ya Dikatse tse Potlana mme eseng tse di Boitshegang, ka ntlha ya fa di sena lerapo le le phaphamalang la hyoid mo molaleng wa ona, gape ga a rore mme a dira modumo wa tswidinyô fa di itumetse. Ke nngwe ya dikatse di le esi tse di senang manala a a gonyelang, ka jalo kgatiso ya manala e tlile go phela e bonala mo metlhaleng ya ona.
Go itsagale fa a thuma, le fa a sa rate seno, mme ke bapagami ba ba bokoa, fela a ka dirisa ditlhare tse di nang le dikutu tse di sekameng kgotsa dikala go ikhutsa kgotsa go di dirisa jaaka mafelo a botlhodi.
Ditona ga di bofufa jalo ka felobodulo ba tsona mme di ka tsamaela kwa dikarolong tse di tshotsweng ke dinamagadi di le mmalwa. Ntle fela le ditau, ke tsona fela ditshedi tse dingwe tsa katse tse di tlileng go ipopa segopa, gantsi se se akaretsang tshegadi le bana ba yona kgotsa go fitlha go ditona di le tharo gotswa mo tlhatsông ele esi.
Fela dinamagadi ka kakaretso di tlile go ikgolaganya le mangau a mangwe a a godileng ka setlha sa tsadisano, se e ka nnang nako efe kgotsa efe mo ngwageng. Paka ya go dusa e tsaya malatsi a ka nna 92, mme go tsalwa bana ba ka nna nne ka tlhatsô nngwe le nngwe. Bana ba tsalwa ka purapura ya boboa e e tsamayang gotswa fa morago ga molala goya kwa karolong ya serope e e fa godimo, mme seno se thusa go ba fitlha, mme ba bewa mo tlhageng e telele kgotsa ba fitlhwa mo ditlhatsaneng tse di kitlaneng.
Goya ka Tenikwa, 90% ya bana e swa pele e fitlha go dikgwedi di le tharo, mme halofo ya bona e bolawa ke ditlhasedi. 40% e nngwe e bolawa ke masole a mmele a a bokoa kgotsa a a nang le kgolo-tlase ka ntlha ya go tlhoka dipharologano tsa bomadi.
Mangau a itsagale fa ele ditshidi tsa katse tse di kgatlhisang go ka kgwabofatswa, mme di ntse di diriswa jaaka batsomi-mmogo dingwaga di feta 5 000. Ka maswabi ga di tsadise sentle fa di le ka fa tlase ga kgolego.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Justin Fox
Lengau nako ele ntsi le tsoma motshegare, gantsi ka matsha kgotsa thapama. Di rata go tshela mo dikgweng tsa tlhaga tse di bulegileng, savanna, mafelo a dimela tse di kitlaneng mme nako dingwe le mo dikarolong tsa dithaba tota, ka ntlha ya gore ga ntsi di nanabela setsongwa sa tsona sekgala fela se se khutswane pele se se tabogisa. Fa se sena go tshwarwa, setsongwa se se golo se hupetswa ka go longwa mo kgokgotsong, fa setsongwa se se nnye se ka bolawa ka go longwa mo tlhogong.
A tlile go jela ka bonako morago ga go bolaya phologolo, ka ge di sa kgone go sireletsa dijo tsa tsona kgatlhanong le ditlhasedi tse dingwe. Matlhakore a dikgopo ya setsongwa a tlile go tlhafunwa fa letlalo, marapo le mateng di tlile go leswa. Lengau ga le boele kwa phologolong ele e bolaing kgotsa go ja setoto.

Taolo

©Shem Compion
Mangau ke ditshedi tse di sireleditsweng, ka jalo ga a tshwanelwa ke go bolawa. Go ale 100 000 a a sasankileng mo Afrika, dikarolo tsa Botlhaba Gare le Bogare jwa Asia ka motsi wa ngwagakgolo wa bo someamabedi, go setse fela a a kwa tlase ga 7 500 kwa nageng, mme a a kwa tlase ga 1 000 a santse a ka fitlhelwa mo Afrika Borwa.
Go samagana le mathata a tlhaselo-ruo, Predation Management Manual, e tsitsinya gore balemirui ba age lesaka ka dikala mme ba beye phoko e e tshelang ka mo lesakeng jaaka setsietsi. Serai sa hoko se tshwanetse go bewa mo kgorong ya lesaka go tshwara lengau. Nature Conservation e tshwanelwa ke go begelwa gore lengau le huduswe fa le setse le tshwerwe.
Kgotsa, lengau le ka kgwabofatswa mme la huduswa. Legora le le sa senngweng ke phokoje, eleng legora la sefo la bogodimo kwa 1,2 m ka phatlhana ya 74 mm, kgotsa legora la motlakase, dikobi tsa modumo, lesedi kgotsa monkgo, go tlhatlhela diphologolo mo lesakeng, tiriso ya badisa le diphologolo tsa tiso, le gona go ka thusa mo thibelong ya ditatlhegelo.

Translated by Nchema Rapoo