Tsela ya go Gwêdisa Dikolobe

© Glenneis Kriel

Nngwe ya ditsela tse di gaisang tsa go netefatsa tlhagiso e e kwa godimo ya dikolobe ke go dirisa didiro tsa bomadi tse di siameng. Ka jalo, leka go reka dikolobe tse di gaisang gotswa go batsadisi ba ba seriti kgotsa balemirui ba kgwebo.

Tsela ya go Siamisetsa Dinamagadi Kgwêdiso

Leka go kgwesisa namagadi ka Labone. Seno se raya gore, o tlile go e amoga bana fa ba le bogolo jwa dibeke di le magareng ga nne le thataro. Fa o e kgwesisa ka Labone, e ka bewa mo hôkông e e gaufi le ditona, fela eseng ka mo gare ga hôkô ya ditona. Dinamagadi tse di ntle tse di mo seêmông sa go tshola di tlile go nna mo kgotelông ka Latshipi mme di tla siamela go ka bewa le tona go ka kgwêdiswa. Kgwêdiso e tshwanetse go diragala ka Mosupologo kgotsa Labobedi. Fa namagadi e ise e nne mo kgotelông ka Labone o o latelang, ga e a tshwanela go ka gwêdiswa, ka ge seno se tlile go baka tlhatsô e potlana. Botoka e letise sebaka se sengwe gape se se ka nnang dibeke di le tharo.
Namagadi e tshwanetse go iswa kwa hôkông ya tona, eseng tona kwa namagading. Namagadi, e e seng mo kgotelông e e matshwanedi, e ka se emelelele tona mme e tlile go gana go pagangwa. Dinamagadi tse dingwe di tlile go emelelela tona ele nngwe, fela di gane e nngwe. Go tlhola gore a namagadi e mo kgotelông, go a thusa go gatelela mokokotlo wa yona, mme fa e emelela ka boitshêkologi mme e kgara mokokotlo wa yona, e katswa e siametse.

Tona le Kgwêdiso

Tona e e siametseng kgwêdiso e tlile go ntsha mathe a a lefulo.
Baya tona mo hôkông ya yona ka metlha – tlisa dinamagadi kwa go yona. Fa o e isa kwa hôkông e nngwe, e tlile go senya nako ka go tlhatlhoba tikologo ya yona e ntšhwa. Go tshola tona mo hokong ya yona go tlile go e thusa gore e itshepe mme e tlile go semelela mo tirong ka bonako.
Leka go dirisa bonnye ditona di le pedi go gwêdisa fela ka dinakwana-magareng tsa diura di le 12 goya go 24.
Di kabakanye fa go kgwêdiswa. Sekai, dirisa Ya Ntlha ka motshegare wa Mosupologo, mme o dirise Ya Bobedi ka meso wa Labobedi. Ditona di dira bontle mo karolong ya letsatsi e e rurufetseng.

Fa motlhape o le bogolo jo bo lekaneng go ka nna le ditona di le pedi, lekanyetsa tota ka esi go dinamagadi di le 16. E tshwanetse go direla dinamagadi di le pedi goya go tharo ka beke ka ditirelo di le pedi go namagadi nngwe le nngwe. Leka go fetola tona dikgwedi dingwe le dingwe di le thataro go thibela tsadisano-teng. Go botlhokwa go nna le botshola-rekoto jo bo matsetseleko go tshola motlhala wa gore ke tona efe e e dirisitsweng go gwêdisa namagadi efe.
O seke wa kgoreletsa tona fa e gwêdisa. E tlhoka bobotlana metsotso ele metlhano gongwe go fitlha metsotso ele 15 go fetsa go ntsha peo. E ntsha metsi a peo a a ka etsang 200 ml ka paka nngwe le nngwe ya kgwêdiso. Fa namagadi e setse e gwêdisitswe, e ntshe mo hôkông ya tona go fitlhelela kgwêdiso e e latelang, fela e tshole gaufi le tona mo hôkông e eleng ya yona. Kgwêdiso e e kgoreleditsweng e ka isa kwa tlhatsông e potlana.
Fa tona e sa gwêdise e katswa ele ka ntlha ya mabaka ale mmalwa: e mo ditlhabing (dinao, maoto, mokokotlo), e na le matlhagatlhaga a kgwêdiso a a kwa tlase kgotsa namagadi e ka tswa e sa siamela kgwêdiso.

Translated by Nchema Rapoo