Tsela ya Bolemirui ka Di-Alpaca

© Marinda Louw

Di-Alpaca ke diamusi tsa ditšhôtlhi (diphologolo tsa mala a a fetang nngwe) tse di ka falolang maemô a a makgwakgwa a bosa jo bo tsididi jwa kwa bogodimong jo bo kwa godimo. Mo Afrika Borwa, di-alpaca di ruiwa mo boseng jwa dithemphoritšhara tse di bogareng mme di tsholwa mo mafulong a mo go ona phepô ya tsona e ka tlaleletswang le go fetofetolwa go netefatsa boleng le tlhagiso tsa bobowa tse di gaisang. Di-Alpaca di beolwa gangwe mo ngwageng. 

Diphologolo di ka tsadisanngwa nako efe kgotsa efe mo ngwageng - dinamagadi ke di duswa tsa pateletso. Fela, go ka fa kgatlhegelong gore crias (ngwana wa alpaca) e tsalwe thari mo selemong (Mopitlwe - Moranang) kgotsa ka dikgakologo (Diphalane - Ngwanatsele) go na le ka mariga.

Theko ya Di-Alpaca

Reka di-alpaca tse di gaisang tse o ka kgonang go di duelela, se ke kgakololô gotswa go balemirui ba alpaca mo Afrika Borwa. Balemirui ba alpaca ba ba ntšhwa ba ka tlhopha gape go reka diphologolo tse di kwadisitsweng le SA Studbook gotswa go batsadisi ba alpaca ba bangwe ba Afrika Borwa, mme ba ka duela go fitlha go R 20 000 - R 25 000 (2019) mo dinamagading tse di dusang tse diša tsa boleng jo bo siameng. Di-Alpaca tsa herdsire (ditona tse di tlileng go diriswa mo lenaaneng la tsadiso) di ka ja R 15 000 - R 18 000 kgotsa go feta, go fopholetsa Dr Gavin Lindhorst, motsadisi le moreka-ntle wa alpaca. Di-Alpaca tse di tlileng go diriswa jaaka ditlhokomela-motlhape kgotsa jaaka diphologolo tsa gae di ka ja tlhwatlhwa e e kwa tlase ga ya tsa tsadiso. 

Etela batsadisi ba alpaca go ithuta ka ga dilekanyetso-boleng tsa botsadisi jwa alpaca, hisetori ya tsadiso, go tlhatlhoba tlhale ya diphologolo le go leba di-herdsire (ditona tsa tsadiso) tse di dirisetswang motlhape. Fa o batla go agela motlhape ka bonako, simolola ka dinamagadi tse di dusang, go gakolola Dr Lindhorst. 

Ntle le diphologolo tse di lerweng gotswa kwa Chile le Peru, Afrika Borwa gape e lere di-alpaca gotswa Australia. Australia e iponetse tshika ya Peru, e na le lenaane-kwadiso le dipontsho tse di dirang tse di supang di-alpaca tse di maatla, go bua Dr Lindhorst. 

Go tlaleletsa, diphologolo tsa Australia di bone maitemogêlô a metlhampepe le malwetse a tlwaelo a leruo, fa bodulô jwa tlhagô jwa di-alpaca kwa dithabeng tse di kwa godimo tsa Andes (+3 000 m) ele tikologo e e phepafetseng mo temeng eo.

Thuo ya Di-Alpaca

©Marinda Louw

Di-Alpaca di ka ruelwa mabaka a tsadiso kgotsa jaaka ditlhokomela-motlhape, fela gantsi maikaelelo a kwa bofelong ke bontsi le boleng jwa tlhale jo bo siameng. Seno se sweetswa eseng fela ke bomadi jwa phologolo, fela phepô le taolô tse di ntle di ama ka fao bomadi jono bo diriswang ka teng. Sekai, go laola mafulo go lekanyetsa kgotlhelego ya tlhale (bojang le mebitlwa mo boboweng) fa nako ya peolo e atumetse. 

Di-Alpaca di bewa mo mafulong a a jaaka kikuyu kgotsa Eragrostis mme tse dingwe di fulela mo fynbos kwa Karoo. Phepô ka mafulo e ka tlaleletswa ka difepitswakwa (dithoro, pellet, motswako wa diminerale, jalo le jalo) kgotsa sefepi sa dipitse se se tswakantsweng le di-pellet tsa protein e e kwa tlase tsa diphologolo tsa naga le dipeo tsa lupin. Protein e e mo phepông e ka tlhotlholetsa boleng jwa bobowa jwa alpaca; protein e e kwa godimo e ka isa kwa go nneng magwata ga tlhale. Go molemô go elatlhôkô gore alpaca e na le bokgoni jwa go goga dikotla gotswa mo phulông e e bokoa go gaisa, fela balemirui le gale ba rotloetswa go tlaleletsa phulô ya tlhagô ka dikotla tsa tlaleletsô. 

Go gakololwa gore go rulaganngwe polase ka dikampa tse di lekaneng go kgontshisa tikoloso ya phulô. Elatlhôkô pataganyo ya leruo e e fetang selekanyô. Dikampa tse di farologaneng di tlhokelwa gape go tshola ditlhopha tse di farologaneng tse di jaaka dinamagadi tse di dusang le dinamagadi tsa bogolo jwa ngwaga, ditona-tsadisi le ditona tse di nnye, di-alpaca tse di sa tswang go kgweswa le di-alpaca tse di tlhokang tlhokomelo e e kwa godimo - eleng diphologolo tse di ka tlhokang molemô kgotsa phepô e e kgethegileng. 

Di-Alpaca tsa namagadi (hembras) di siamela go ka tsadisana mo dikgweding di le 18 - 22 mme di tla belega cria ele esi morago ga malatsi a ka nna 340. Mo sebakeng fela se se ka fetang dibeke di le pedi morago ga go belega, namagadi e ka tsadisanwa gape. Di-alpaca tsa mafatlha di sewelo thata. 

Manala a dinao le meno a ka fa tlase di tshwanelwa go ka tlholwa ngwaga le ngwaga mme di fokotswe fa go tlhokega, mme meento e tshwana le e e diriswang mo thuong ya dinku. Yona e akaretsa tshireletso kgatlhanong le mogare wa bluetongue, letshoromo la Rift Valley le malwetse a Clostridia.

Peolo ya Di-Alpaca

©Marinda Louw

Di-Alpaca di beolwa gangwe mo ngwageng, gantsi ka dikgakologo - Lwetse kgotsa Diphalane go ikaegile ka themphoritšhara - mme di ka beolwa mo bonnyeng jo bo etsang dikgwedi di le thataro. Didiriswa tse di tshwanang le tse di dirisetswang go beola dinku di a diriswa, fela logare lwa alpaca lo lo kgethegileng lo a diriswa go tlogela bobotlana 4 mm ya tlhale mo mmeleng. Di-alpaca di na le letlalo le le gagametseng go feta la nku mme di tshwanetse go ka beolwa ka kelotlhôko e kgolo go efoga dikgobalo. 

Bobowa gotswa mo thitông ya molala goya kwa mogatleng le go dikologa matlhakore a phologolo ke jwa boleng jo bo gaisang. Seno se bitswa 'prime' kgotsa 'jwa ntlha'. 'Jwa bobedi' ke ditlhale tse di mo maotong le mo molaleng. Tlhale e e mo tlhogong le mo 'bonnet' e beolwa fa e nna telele go fetisa mme e kgoreletsa pônô ya alpaca, fela tlhale eno ga se gantsi e diriswa ka ge ele magwata thata.

Translated by Nchema Rapoo