Tsamaiso ya Thibelelo ya Dinwamadi le Deji

© Chris Daly

Le fa e le gore deji tsa dinwamadi di ne di sa tseiwe tsiya pele, tlhokomelo ya dikgogo tse di itekanetseng mme di phela di itumetse e ikanyegile mo tsamaisong ya go thibelela detshenekegi tse.

Maele a thibelelo

©Chris Daly
Dinonyane le manno a tsone a tshwanetswe ke go tlhatlhobiwa ka metlha go bona ga go sena mathata mme a thibelelwe nako e santse e le teng. Nako ee maleba ya go ka tlhodisa go bona matshwao a dinta tsa Avian lice mo dikgogong ke motshegare, fa bosigo bo siametse go tlhodisa go nna teng ga motlhwa o moshibidu le dikgofa. Go bona ga motlhwa o moshibidu o le teng ga go bonolo ka gonne matshwao a gore ti tlhasetse a tlhagelela fa di setsi di le dintsi. Dikgofa tsa Spotting ticks, di bonala bonolo, bogolosetona ga di setse di kgotse madi a phologolo.
Ga o tlhatlhoba dinonyane o ka fetlha mafofa a tsone go lebelela. Dinta tsa bagolo di tla bonala di sasanka kwa tlase ga mafofa, mme mae a tsone a tla tlhagelela kwa thitong ya mafofa. Dinta di rata go iphitlha kwa tlase ga mafofa le kwa phinyeng, mme o ka simolola go lebela fao.
Motlhwa wa Scaly leg mites o tshwenya kwa maotong a dikgogo, mme motlhwa wa northern fowl mites o ka bonala kwa phinyeng ya kgogo. Ga di tlhasetse ka bontsi o tla bona ka mafofa a ntshofala ka lebaka la mae le mantle a tsone.
Ditshitshiri di tlhasela ka dipaka tse di rileng, jaaka fa maemo a loapi a le mogote. Go botoka go fa dikgogo kalafi pele di tlasela, bogolosetona ka nako ya dikgwedi tsa mogote.
O tlhokomele gore ga o tlise dinonyane tse di tswaetsegileng mo segopeng sa gago. Dinyonyane tse dintshwa di tshwanetswe ke go tlhatlhobiwa, di fiwe kalafi ya dinwamadi, mme di beiwe kgakala le segopa se se leng teng di tswaletswe (quarantine) sebaka sa dibeke tse mmalwa go nnetefatsa gore ga di na mathata.
O seka wa dumelela dintshwa, dikatse, dinonyane le diphologolo tse dingwe gaufi le lefelo bodirelo jwa dikgogo, ka gonne di nna di tshotse dinwamadi mo go tsone.
Go tlhapisa dikgogo ka molora (Dust bathing) ke tsela ee bonolo ya di thibella deji.
Dirisa molora wa wood ash mo dibateng tsa gago. e kgona go di hupetsa mme e fodisadikgogo. E fokotsa mafura mo mmeleng, lerole le le dilo tse dingwe tse deji tse difepang ka tsone. Wood ash e ka tswakantshiwa le santa kgotsa peat moss mme e somarelwe mo lekotokoting la kgale kgotsa bata ya plastiki ee ka kgonang go phepafatsiwa kwa morago.
Marulelo le dihoko tsa dikgogo di tshwanetswe ke go phepafatsiwa ka metlha, mme ga go kgonagala di phepafatsiwe ka di bolaya megare le dibolaya ditshenekegi kwa morago ga tiro poeletso engwe le engwe.
Bangwe ba balemi ba rotloetsa bagwebi go jala ditlhatshana tse di kobang ditshenekegi tse go dikaganya mafelo bodirelo, marulelo le dihoko tsa dikgogo. Dijalo tse go buiwang ka tsone ke tsa mofuta wa lavender, bay leaves, marigold, eucalyptus leaves, oregano, peppermint, wormwood and spearmint.

Maele a Bookamedi

©Chris Daly
Dirisa dibolaya ditshenekegi tse di mo molaong mme o di dirise ka taelo go thusa dikgogo.
Lefapha la KwaZulu Natal Department of Agriculture and Environmental Affairs le rotloetsa tiriso ya Kardadust mo lekwalong la lone la “Household Chicken Production”. Bo rapolase ba rotloetswa go lokela kgogo mo kgetsing ya sediriswa se ka mmele, tlhogo e tswetse kwa ntle. Fa kgogo le sediriswa dile mo kgetsing mmogo, o ka kgotlhokgotsa ka bonolo go apesa kgogo ka molora o. E tshwanetswe ke go dirisiwa mo dikgogong fela mme e seng kwa marulelong a dikgogo kgotsa mo dohokong tsa tsone.
Go lwantsha tlhaselo ya motlhwa wa scaly leg mites, lefapha le eletsa bagwebi go dirisa Benzyl Benzoate. O ka e reka kwa khemising mme e bidiwa Ascabiol, e e dirisediwang go phekola scabies mo baneng.
Kalafi ga e dire e le esi, go botlhokwa go phepafatsa mafelo a diphologolo ka metlha go fedisa ditshenekegi le mae a tsone a a ka iphitlhang mo duphatlhaneng, kgotsa mo sentlhageng. O ka dirisa sebolaya megare se se mo molaong mme o boeletse tiriso ya sone kgafetsakgafets go nnetefatsa katlego ya polao ya detshenekegi tse. Mafelo a di ka iphitlhang mo go one jaaka diphatlha le mesima e tshwanetswe ke go thibiwa morago ga fao.
Go thibelela ditshenekegi go ka fitlhelela mo dikgogong, O tshwanetswe ke go kgotha mafelo aa leng gaufi le marulelo a dikgogo.

Tsaya Tsiya

Dikgofa di tshwanetswe ke go ntshiwa ka kelotlhoko. Ga o ka leka go ntsha kgofa ka tsela ee makgwakgwa o ka tlogela tlhogo ya yone e setse mo letlalong la phologolo mme se se ka e bakela mathata a infections kgotsa abscess.
Mafelo aa bongola a oketsa bothata jwa dikgofa tsa scaly leg mites.
Dikgogo tse di nang le mafofa kwa maotong di ballwa ke bothata ba scaly leg mites go phala dikgogo tse di senang mafofa kwa maotong.
Kgofa ya Red mite e sokodisa thata ka gore e ka nna sebaka sa dikgwedi dile mmalwa e sa fepe. Tsela ee maleba ya go jka difedisa ke go tsamaisa dikgogo tsotlhe tse di amegileng mme o phepafatse marulelo le hohoko boshwa. Bagwebi ba bangwe ba ka fisa marobalo a di neng di nna mogo one, le didiriswa tsotlhe tse di neng di goolagana le tsone.
Motlhwa wa Scaly leg mites di rata go tlhasela motswa setlhabelo ga mofuthu wa mmele wa one o ya kwa tlase, e ka nna ka lebaka la bolwetse kgotsa loso. Dikgogo tse di nang le bothata jo, di tshwanetswe ke go katosiwa mogo tse dingwe gore di seka tsa di tsela.
Kwa tshimologong matsadi a scaly leg a ka phekolwa ka bland oil, jaaka liquid paraffin.
Mo go leng masisi, maoto a dinonyane a ka tsinelwa mo metsing a a bothitho go thapisa makwapa a yone, mme morago ga foo a ka omisiwa mme a tshasiwe oli, jaaka olive oil, vegetable oil pele o ka dirisa pheko ya sekgoa(a registered product). Kalafi eo e shwanetse go boelediwa makgetlho aa mmalwa mo bekeng go fitlhela motlhwa o nyeletse otlhe. Bagwebi ba bangwe ba begile ga Vaseline e ka bolaya dinwamadi tse.
O tlhokomele gore o seka wa obola letlalo la kgogo ka gore se, se ka nna botlhoko mme ya gobala.
Ga o na le dipelaelo, o ka ikgolaganya le ngaka ya kalafo ya doiphologolo kgotsa extension officer.

Translated by Ikalafeng Maedi