Tsalo ya Mebutla - Tona le Namagadi
Tona
Ditona tsa leruo la gago, ke thoto ee botlhokwa go gaisa, mme di tshwanetswe ke go nna matsopa a boleng jo bo kwa godimo. Tona ya “Stud Buck” e ka tlhokomela namagadi dile 10 ka kgwedi, ka jalo madi (genetics) a gagwe a ja ata mo baneng ba bantsi go phala a namagadi engwe le engwe. Mo kgweding ele esi a ka abela madi go bana ba ka nna 60 - 80. Stud Buck ya gago e tshwantse go nna bonolo go tlhokomela mme o e fe hoko ee maleba.
Lebati la hoko eo, le tshwanetse go nna kgolo, gore o nne le bokgoni ba go gorosa managadi mogo yone, le go e ntsha kwa ntle ga dikgoreletso. Mebutla ya ditona, e tshwanetse go nna ka bonosi mo hoko tsa tsone. Tse pedi mo hoko di tlile go lwa botlhoko, mme di ka fagolana (castrate) bonolo. Ditona di rata go rotela manno a tse dingwe ka jalo, mabota kwa matlhakoreng a dihoko tsa tsone aa tlhokagala.
Namagadi
Kametlha, o ise namagadi kwa hokong ya e tona. Namagadi e rata go babalela mafelo a tsone a bonno (territorial), mme a ka se itumelle go bona engwe e tona mo hokong ya yone, mme a ka mo tlhasela. Ga o kgetha namagadi ee tla tsalang, nnefatsa gore o na le thoba (nipples) tse robedi go ka anyisa matsopa aa magolo, kgotsa tse thataro go anisa matsopa a mannye. Pele o mo gorosa kwa hoko ya e tona, nnetefatsa gore e namagadi e batla go gwelwa (on heat).
Montshe mo hokong ya gwagwe mme o mo retole (upsidedown) ka mabogo a gago. Ka letsogo le lengwe, o goge mogatla wa gagwe mme ka bonolo o tobetse fa bosading jwa gagwe. Fa ele gore bosadi jwa gagwe ke jo bonnyenyane, mo emise kwa letlhakoreng la hoko ka mokwatla wa gagwe mme oe fogotlhe makgetlho a le mmalwa, go tlhogella kwa thogong go fitlhella kwa mogatleng go mo futhumatsa mme o mo tlhole gape letsatsi le le latelang. Namagadi e e batlang tona, o tla e bona e rurugile bosadi mme bo le phephole ka mmala.
Gorosa namagadi kwa hokong ya e tona mme o tlhabe bofofu. E tona e tla atumela ee namagadi, mme thobalano ya bone ga e nke e tsaya sebaka se se leele. O tla mo pagama mme ene o tla tsholetsa maoto a kwa morago kwa godimo. O tla simolola go mo fetlha makgetlho a mmalwa mme a mo kgwele peo ya bonna mme a fologe. Se ga senke se tsaya sebaka se se fetang metsotso e mebedi. Emela thobalano ya bobedi e diragale mme o busetse namagadi kwa hokong ya gagwe.
Mo karateng ya hoko ya ee namagadi, kwala letsatsi, leina kgotsa nomore ya e tona mme o gatise dikwalo tse mo diaring ya gago. Kwa morago ga malatsi a le 27, o ka nna wa gorosa lebokisi la sentlhaga sa gagwe, mme o le tsenye tlhaga ee emeletseng (hay). Bana ba tla goroga ka letsatsi la bo 30 kgotsa 31 kwa borago ga thobalano, mme gantsi ba tla tsalwa ka makuku a moso wa letsatsi leo. Mme wa tsone o tla ikagela sentlhaga ka dilo tse o tlabong o mo abetse tsone, mme o tla tlhoba moriri wa sefuba sa gagwe go dira malao a bana ba gagawe.
Gantsi bo mme ga ba nke ba tsala ba lebeletswe ke batho. Tsalo ya bone e diragala ka bonako, mme o tla simolola go phepafatsa bana ba gagwe ka go ba gora, mme a katose bana ba ba suleng mogo ba bangwe ba bonako. Fa ba setse ba omile, o tla simolola go ba fepa. Bo mme ba anyisa bana gabedi ka letsatsi. Ga letsatsi le tlhaga, le ga letsatsi le dikela fela. Ga se ka tlwaelo, morui a ka bona mme a nyisa bana ba gagwe. O ithatela bonosi (privacy) ba gagwe.
O tla lemoga gore o setse a pepile ka tlhatlhagano ya mabububudu (fluffy wriggling) a a tlabong ale mo lebokising la gagwe. Fa o setse o lemogile seo, otla mo tshwenya ka sengwe gore a suthe (e ka nna tlhaga mo letsogong la gago, segwete nyana, kgotsa sengwe se a ka se itumellang), mme ka kelotlhoko, o ka nna wa tlhatlhoba sentlhaga sa gagwe o nnetefatse gore o tsetse bana ba ba kae, mme o lebelele gore ga go na bana ba ba suleng, le placenta mo sentlhageng. Ntsha dialo tse di metsi kgotsa mongola, buthela bana sentle mo sentlhageng mme o ba tlogele go fitlhela moso oo latelang.
Translated by Ikalafeng Maedi