Tlhopho ya Letsopa la Kolobe
Fa o simolola polase ya dikolobe, o tlhoka go tlhopha letsopa le le tlileng go tshwanela bokgoni le bolaodi tsa gago. Goya ka Pigs for Profit ya ga Drs Jim Robinson le May-Louise Penrith, matsopa anô a ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse kgolo di le pedi, eleng matsopa a a sa tokafatswang le a a tokafaditsweng.
Dikolobe tse di sa tokafatswang gantsi ke matsopa a selegae, jaaka a a tsadisitsweng mo nageng a Kolbroek kgotsa SA Landrace, a a tshwanetseng free range le dithulaganyo tsa tlhagiso tse di atologileng go feta. Fa matsopa a a tokafaditsweng ele matsopa a sešweng, jaaka Large White kgotsa Duroc, a a diriswang gantsi mo dithulaganyong tse di tseneletseng tsa tlhagisetso-kgwebo.
Matsopa a a sa tokafatswang ke tlhopho e e siameng fa ole setlabošweng ka maitemogelo a a potlana a go dira ka dikolobe, fa o retelelwa ke go tlamela boleng jwa kagelelô le jwa phepô jo bo tlhokwang ke kolobe ya segompieno, le fa o na le mmaraka o o tlileng go amogela kgotsa go rata mofuta onô wa kolobe.
Se sengwe gape, o ka se tlhoke go phuaganya dikolobe tsotlhe tsa gago morago fa o batla go fetolela go bolaodi jwa seelo se se kwa godingwana, mme o ka dirisa tona ya sešweng kgotsa kgwedisô ka seatla mo dinamagading tsa gago go tokafatsa ntshô-tlhagiso mo dikolobeng tsa gago.
Matsopa a a Sa Tokafatswang
Matsopa anô gantsi a letlalo le le ntsho ka boboa jo bo telele jo bontsho kgotsa jo bo dikôlô, go a dira gore a se angwe jalo ke phisô ya letsatsi. Gantsi a boitshoko, a kgona go itshokela dithemphoritšhare tse di farologaneng, a ema-kgatlhanong le malwetse mme a tlhoka bolaodi jo bo potlana, go a dira matshwanedi mo tlhagisong ya free-range kgotsa ya kwa motse-selegaeng. A na gape le ditlhokegô tse di kwa tlase tsa metsi le phepô, fela a tla diragatsa botoka fa o ntse o oketsa phepô le tlhokomelo ya ona.
Le fa matsopa anô gantsi a na le botsadi jo bo siameng, dinamagadi di ntsha bana ka bonnye, ka dikolojana fela di le tlhano goya go robedi, le fa seno se ka oketsega fa a fepwa sentle. Maswabi a mangwe ke gore a mmele wa bogolo jo bo nnye goya go jo bo magareng, mme a rata go tlhagisa mafura ale mantsi. Ka jalo go botlhokwa go bona mmaraka o nama enô e batlwang ka bontsi, pele o ka simolola kgwebo ya dikolobe ka matsopa anô.
Matsopa a a Tokafaditsweng
©National Pork Board and the Pork Checkoff. Des Moines, IA USA.
Matsopa anô gantsi ke dikolobe tse kgolo tsa letlalo le le sweu ka boboa jo bo sweu jo bo sesane bo phatlhaletse, mme seno se a dire gore a angwe ke phisô ya letsatsi. A tshwarwa ke kgatelelô ya mogote bonolo fa dithemphoritšhara di nna mogote thata. Ga a kgonane le malwetse go tshwana le matsopa a a sa tokafatswang mme a tlhoka bolaodi jo bo bonalang, sefepi sa boleng jo bo siameng le metsi gore a dire sentle.
Mo go se se molemo, a tlhagisa bontle thata, ka go tlhagisa dikolojane di le lesome kgotsa go feta ka gangwe. Dinamagadi fela di ka tlhoka thuso nako dingwe ka kgodisô ya dikolojane. A tlhagisa mafura ale mannye fa go lebilwe bontsi jwa nama e a e tlhagisang, fa go bapiswa le matsopa a a sa tokafatswang.
Translated by Nchema Rapoo