O Tlhokomela Jang Ditlhakwana tsa Dipodi

© Illustration by Tom Milner Out Here magazine

Dipodi di na le metabolism e e bonako mme di phela di le mo tseleng goya go fula le go ja. Bolwetse jwa tlhakwana le ditlhakwana tse di ikgatholositsweng di dira gore motsamao le phulô di nne selo se se thata ebile sele botlhoko.
Fa ditlhakwana tsa podi di godile go feta selekano, di ka isa kwa pôlông ya tlhakwana (mo kgatong le mo mabotameng a tlhakwana) le nthô ya molelô ya tlhakwana, e e diragalang mo gare ga ‘menwana’. Ditlhakwana di tshwanetse go pomiwa ka metlha (makgetlho a a fitlhang go nne ka ngwaga) go di tshola mo sebopegong sa tlwaelô - leba tlhakwana ya potsane e potlana jaaka kaedi ya sebopego se se nepagatseng.

Go Alafa Ntho ya Tlhakwana

Nthô ya tlhakwana gantsi e bakega mo maêmông a a metsi fa setshedi-potlana Fusobacterium necrophorum se baka kgotelô mo magareng ga ‘menwana’. Letlalo le le mo magareng ga ‘menwana’ le apoga le go nna bometsi ka mmala o o pinki, mme le amega bonolo fa le kgomiwa. Fa e sa alafiwe, podi e ka tshwaetsega sa leruri. Gasa 10% ya motswako wa copper sulfate kgotsa zinc sulfate mo gare ga ‘menwana’. 7% ya motswako wa iodine le yona e ka diriswa.
Fa ele gore dipodi di fula kwa mafulong, di alafe morago ga fa monyô o sena go fela kgotsa di tshole mo tikologong e e omeletseng sebaka sa diura di le 24 morago ga kalafo. Motswako o tla omelelela mo ditlhakwaneng le mo dinaong mme o tla dira sentle. Fa diphologolo di le mmalwa mo mareleng di amegile, dirisa motswako wa zinc kgotsa copper sulfate mo sekotlolong sa dinao mme o letlelele gore o monyele mo mabotaneng a tlhakwana.
Dipodi tsa Boer di tshabelelwa thata ke nthô ya tlhakwana.

Go Alafa Go Bola Ga Tlhakwana

Go bola ga lonao ke bolwetse jo bo tshelanang jwa ditlhakwana mo dipoding le mo dinkung, mme bo bakwa ke ditshedi-potlana Dichelobacter nodosus le Fusobacterium necrophorum. Dichelobacter nodosus, tse di fitlhelwang mo mmung o o kgotlelegileng.
Matshwao a ntlha a go bola ga tlhakwana ke dipodi tse di tlhotsang, go kukela maoto mo moweng le go fula di khubame. Diphologolo di ka tswafa go tsamaya mme ditlhakwana di ka nna le monkgo o o bosula mme di tswe boladu.
Kalafi ya go bola ga lonao e akaretsa go poma tlhakwana le go ntsha kgato yotlhe e e tshwaetsegileng e e tlebogileng mo togweng e e ka fa tlase ga yona. Morago ga go poma, diphologolo tse di amegileng di tshwanetse go ka ema sebaka sa bonnye metsotso ele 5, mme dinao tsotlhe di le mo motswakong wa 10% ya copper kgotsa zinc sulfate. Seno se ka boeketswa gangwe ka beke dibeke di le nne. Diphologolo tse di sa foleng, di tshwanetse go bolawa.
Kgotlheletsego e ka direga fa phologolo e e tshwaetsegileng e tsenngwa mo mareleng le ditshedi-potlana tsa go bola ga lonao di tsholwa mo mmung ke ditlhako tsa baeti.

Go Poma Ditlhakwana tsa Podi

©Marinda Louw
Nako e ntle ya go poma ditlhakwana ke fela fa morago ga pula, fa ditlhakwana di le boleta le bonolo go ka pomiwa. O tlile go tlhoka mothusi gore a tshware podi ka go e dudisa fatshe mo seêmông se se phuthulogileng fa o ntse o poma ditlhakwana tsa yona. Ka go dirisa ntlhana ya sekere sa ditlhakwana, simolola ka go tlosa leswe le seretse gotswa mo tlhakwaneng.
Morago ga fao, sweetse fa kgato ya tlhakwana e lekalekana pele o simolola go sega lobotang lofe kana lofe lwa tlhakwana. Simolola ka go poma ntlhana ya tlhakwana ya monôtô ole mongwe. Mme o pome letlhakore le le kwa ntle lwa tlhakwana. Fa lobotana lwa tlhakwana lo godile go feta selekano, lo bule ka iketlo mme o le sege ka manathwana a mannye. O seke wa potlakela tsamaiso enô ka go sega manathwana a magolo ka ge seno se ka baka gore tlhakwana e tswe madi. Poma ditlhakwana ka iketlo go fitlha o bona mola o mosweu wa kgolô e ntšhwa ya tlhakwana. Emisa ka go poma fa kgato e nna mmala o o kareng o pinki mme go bola gotlhe ga tlhakwana go tlositswe.
Kwa bofelong, poma karolo e e ka fa gare ya tlhakwana - mo gare ga ditlhakwana (‘menwana’) fa direthe di kopanang teng. Ela tlhôkô fano ka ge serethe sele borethe go feta dikarolo tse dingwe tsa tlhakwana. Go bola ga tlhakwana gantsi go fitlhelwa gaufi le ntlhana ya monwana le go ikala le mabotana a tlhakwana; nako dingwe go diragala kwa seretheng.

Translated by Nchema Rapoo