Tlhatlogo ya Mmuso wa MaZulu

© Dr Peter Magubane

Shaka Zulu

Ka 1787 Senzangakhona, kgosi ya mošwa ya MaZulu (e e tsereng leina la yona go tswa mo go nngwe ya barwa ba ga Malandela wa seganana), o tsetse morwa letlaleanya, Shaka. Morago ga go dira dingwaga di le dintsi mo sesoleng sa ga Dingiswayo, fa o neng a ntsha ga tshwene ka maano a sesole le go nna motlhankedi Shaka o nnile kgosi ya

MaZulu morago ga loso lwa ga rraagwe. Ka nako eo MaZulu e ne e le setlhopha se sennye sa gongwe batho ba le 1,500, seo Shaka a neng a ikaeletse go se aga jaaka motsayakarolo o mogolo wa sepolotiki mo kontinenteng e potlana. Go tswa mo bonnyeng fela jwa banna o ne a ka kgona go ba bona mo gareng ga MaZulu, o ne a bopa sesole sa pelo, mo pakeng ya dingwaga di le 12, o ne a se bopa ka go nna sesole se se gaisana sa ntwa le go dira gore kwa bofelong sa akaretsa l-e masole a pele a ditlhopha tsa boagisani a a neng a ikemetse ka nosi. Ka go dira jalo, o ne a fetolela bogosi jwa gagwe bo bo bonnye go nna setšhaba se se matl-a sa MaZulu. 

Ka 1828 Shaka o ne a bolaiwa ke barrwaragwe, dingane le Mhlangana. Morago ga kgotlhang e e bosula mo gare ga bomorwarre ba le babedi le baemanokeng ba bona, Dingane o ne a bona go nna le matla mme a tsaya boeteledipele ba bogosi ba MaZulu. Dingane o ne a sena botlhale ba sesole ba ga Shaka le boleng ba boeteledi pele go tshwara bogosi bo bogolo bo golagane, mme ka jalo kgopolo e e tlhodilweng ke Shaka ya simolola go nyelela. Dikgosi tsa dirukhutlhi di ne tsa tswa tsa tsamaya mme dingane o ne ga se na bokgoni ba go pateletsa gore ba boele kwa morago. 

Dingane

Basweu ba ne ba simolola go goroga mo Natala ya bokoloniale ka dipalo tse di oketsegang, ba akaretsa dikgatelelo tse dintšhwa mo dinakong tseo tsa mathata. Dithabana tse di tala di ne di bonwa ke ma-Voortrekker (balemirui ba basweu ba ba neng ba sa itumela ba ba neng ba fudugetse go tswa kwa Kapa botlhaba) jaaka lefelo le lentšhwa letlotlo le ditšhono, mme ba dirile boikuelo go Dingane ka lefatshe le ba ka kgonang go nna gone le go tlhama dipolase tsa bona. 

Kgosi ya MaZulu e ne boifa gore se e tlaa nna ntlhane e e tshesane kwa bofelong e tla mo tseyelang bogosi jwaa gagwe, mme ka jalo o ne a laela gore Piet Retief, modiragatsi wa ma-Voortrekker gore ba tle go buisana le ene, mme e ne le ditsala tsa gagwe tsa bolawa. Gape o ne a romela masole a gagwe gore ba ye go bolaya bana le basadi ba bona le banna ba ba neng ba tlhokometse dikampo tsa Voortrekker kwa kgakala kwa Bloukrans, gaufi le Estcourt ya gompieno.

Ba ba neng ba falotse ba ikana, ka kgolagano le Modimo, go iposolosetsa dintsho tsa bona le go aga kereke ka tlotla ya Gagwe fa phenyo mo ntweng kgatlhanong le MaZulu ba ne ba tla e abiwa. Ka 16 Sedimonthole 1838 mo dintshing tsa Noka ya Ncome, ye e neng ya bidiwa Noka ya Madi, iposolosetso e ne e sena kutlwelo botlhoko le go diragadiwa ka madi. Mo batlhabaning ba le 3,000 ba MaZulu ba ba neng ba bolaiwa mo ntweng, fa fela e le moeteledipele wa Voortrekker o o neng a bona kgobalo e e potlana.

Phenyo e ne e le e e tlhabisang kgala le mokoi wa Maatla a Dingane a ne a phanyegile ka go sa kgone go baakanyega. Le fa go ntse jalo, masole a gagwe a ne a fenngwa fela fa Mpande morwarragwe wa bofelo yo o neng a tshela go fenya Mpande, yo o neng a bona go latelwa le go aga sesole se se maatla, a mo tlhasela kwa dithabaneng tsa Maqongqo gaufi le molelwane wa kwa Swatsing.

Dingane, yo jaanong o neng a le kgosi ya MaZulu ya motshabi ka bonnye fela jwa balatedi, a leka go tshabela kwa Swatsing mme o ne a bolawa pele fa a fitlha koo. Mpande, kgosi e e busitseng nako e telele go gaisa mo hisetoring ya MaZulu, o ne a nna kgosi morago ga Dingane mme a busa mo bogosing bo bo fiokoditsweng thata go tswa ka 1840 go fitlhela loso lwa gagwe ka 1872.

Mpande o ne a tsewa a se kotsi, fa e ne e se seelele, ke Dingane, mme ka jalo o ne a se bolawe fa Dingane a ne a tlosa bomonnawe botlhe ba ba neng ba akanngwa e le matshosetsi mo go pagameng setulo sa gagwe sa bogosi. Le fa go le jalo, o supile gore go nna yo o diphatsa yo o neng a tshameka matlhakore ka bobedi a lefatshe la sepolotiki — a tsweletsa seriti mme ka kobamelo ya baagisani ba gagwe ba basweu mo borweng jwa Noka ya Thukela kwa Natala fa a ntse a tshware bolaodi mo boikanyegong jwa balatedi ba gagwe kwa bokone jwa noka.

Morago ga loso lwa ga Dingane, morwa wa gagwe, Cetshwayo o nnile kgosi e ntšwa ka 1872. E ne e le monna yo o neng a gapeletsa ka iketlo a busetsa bontsi jwa kgalemo ya sesole eo rangwane wa gagwe, Shaka, o neng a e tlhamile dingwaga tse 50 peleng; ka se go tlhageletse maikutlo a boipelo ba MaZulu ka go kitlana. Ponalo ya setšhaba sa MaZulu sa bosole kwa bokone jwa Thukela e simolotse go romela dithoromo go kgabaganya thsika ya bokoloniale ya kwa Natala. Batlhankedi ba ga Kgosigadi Victoria ba ne ba ikaeletse go bona taolo ya Seesimane e atolositswe go ralala Aforika, go tswa kwa Kapa go ya kwa Khairo.

Maatla a MaZulu a ne a bonwa e le matshosetsi a magolo mo ponong e le ntwa gareng ga Engelane le MaZulu e ne e ka se tilwe. E simolotse morago ga go beelana diolwana e e sa kgonegeng e e rebotsweng ke maBorithane go ya go MaZulu fa e ikgatholosiwa.

Thulano ya ntlha e kgolo e ne e le kwa Isandlwana ka di 21 Ferikgong 1879 fa MaZulu a tsenya phenyo e e kgolo thata e e itemogetseng ke sesole sa Borithane mo hisetoring ya bokoloniale. Ntwa e e fedile kwa Ulundi ka Phukwi a le 4 wa ngwaga ona oo, fa dinkatorokgolo tsa ga Cetshwayo tsa sesole kwa Ondini di ne tsa fisiwa le masole a gagwe a fitlhela.

Botlhankedi bo bošwa ba kwa Zulu

Kantoro ya Bokoloniale e tsere tiro ya botlhankedi ba kwa Zulu mme ka bonako ya fokotsa maatla a ntlo ya bogosi ka go arola maatla a sepolotiki magareng ga dikgosi di le 13 tse di ikemetseng. Se se bakile go simolola ga ntwa ya selegae, paka ya tema e e tswelelang le go oketsa tsereganyo ya botlhankedi ba bokoloniale mo pusong tsamaiso le taolo ya matshelo a MaZulu.

Ka kgorogo ya Palamente ka 1910 le taolo ya basweu ya Aforika Borwa yotlhe, maatla a a feletseng a basweu a ne a konoteletswe le tsholofelo ya kagosi ya MaZulu gore puso go fitlhelela temogo ya puso e ne y gola go nna se se ka se diregeng. Maemo a morwa Cetshwayo, Dinuzulu, le setlogolo sa gagwe Solomon, ba ne ba fokoditswe go nna kgosi e e tlwaelegileng, e e filweng taolo e nnye go feta taolo mo kgaolong e le nnye ya se se e neng e le le bogosi jwa MaZulu.

E ne e le fela ka dingwaga tsa bo1950 gore puso ya National ba beile setlogotlogolwana sa ga Kgosi Cetshwayo, Cyprian, jaaka kgosikgolo ya MaZulu. Le gale, dithata tsa ga Kgosi ya ga jaana ke tsa sesupo fela ka botlhokwa. Ka jalo, o na a rwele selepe sa boitshepo (inhlendla) kwa mabakeng a puso a a botlhokwa, mme o ne a okame meetlo e e botlhokwa fa gare ga tsona Moetlo wa Motlhaka wa ngwaga le ngwaga, o o neng wa tlhagisiwa ka 1984.

Translated by Lawrence Ndou