Tinta Barocca

Tlhaloso

Tinta Barocca ke terebe ya veine e khibidu ya mefuta e farologaneng e dirisediwang tsweletso e e nonofileng ya mokwa wa Port kgotsa diveine tse di omileng tse khibidu. E tsweleditswe ka tlhakanya magareng ga Marufo le Touriga Naçional.

Tshimologo

Tinta barocca e na le tsimologile mo mogorogorogn wa Douro kwa Portugal Bokone, mmo peo ya ntlha e neng ya tlhophiwa ka 1899.

Maina a Mang

E ne e itsiwe gape jaaka Tinta Barroca, Baroccas, Boca de mina, Tinta das Barrocas, Tinta gorda, Tinta grossa le Tinta vigaria.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Tinta Barocca e ne ya raopiwa go tswa Portugal ka thari ya di1920. Kwa tshimologong go ne go na le balemi ba ba neng ba e tlhakatlhakanya le Shiraz, fela morago ga go itharabololela phoso ya bona ba simolotse go dirisa mefuta e e farologaneng ya go tsweletsa diveine tsa mokgwa wa Port ya mantlha mo lefatsheng.
Topo ya go ya morago le pele ga diveine tsa mokgwa wa Port, mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, e feletse mo baleming ba Aforika Borwa le bona ba dire karolotuelo ya boleng jwa diveine tsa mefuta e e farologaneng ya e le bong.
Aforika Borwa e na le hisetori e telele ya tsweletso ya Port, fela ga e a letlelelwa go dirisa letshwao la Port go tloga ka Ferikgong 2012 morago ga go saena e tumalano ya kgwebisano ya temothuo le ba Kopano ya Yuropa. Fa e sale ka nako eo, diveine tsa mokgwa wa “Port” tsa Aforika Borwa di tsenywa mabotlolong ka fa tlase ga leina Kapa, mme ya latelwa ke ya setaele sa maleba.
Go ya ka lefelo la Mokgatlho wa Batsweledi ba Port wa kwa Kapa, letshwao Kapa e Tshweu le dirisediwa go diveine tse di nonofaditweng go tswa go tse di seng ‘muscat’ tsa mefuta e e farologaneng, jaaka Chardonnay, Chenin blanc kgotsa Verdehlo, ka Kapa e Pinki e beetswe tse di nonofaditsweng tsa dirosa tsa mefuta e e farologaneng ka mefuta e e farologaneng ya mmala e pinki.
Tseno ka bobedi di di tshwanetse go ba di godile mo dikgweding di le 6 go kgona go amogedisiwa mekgwa e.
Letshwao la Ruby ya Kapa le dirisiwa go tswaka e e ša, ya go mmele ka botlalo le diveine tse di nonofaditsweng ka maungo. E farologana le ya Mmala wa mmu ya Kapa ka gore bonnye halofo ya veine e dirisiwa go dira go e tshwanetse go gola go fitlha ka dikgwedi tse thataro mme e sa feteng dingwaga di le tharo.
Go farologana, bonnye 80% ya veine e dirisiwa go dira ya Mmala wa mmu ya Kapa e tshwanetse go nna le bonnye dingwaga di le thataro. Kapa ya letlha kgotsa ya vintage ya mmala wa mmu le yona e tshwanetse go nna bonnye dingwaga di le thataro, mme go tshwanetse ya dirwa go tswa mo diterebe tse di kotutsweng ka ngwaga o o rileng –ka mafoko a mangwe, ya bogologolo ya bong.
Letswao la Vintage e e mo Lebotlolong ya kwa morago le dirisediwa diveine tse di godisitswe mo faking ya ouku kgotsa mo lebotlolong mo dingwageng tse di ka nnang tharo, ka bontlhanngwe go gola mo difaking tse di dirilweng ka ouku bonnye dingwaga di le pedi. Mo godimo ga se, 85% ya diveine mo mabotlolong e tshwanetse go tswa mo ngwageng o o kgethegileng wa uno.
Vintage ya Kapa e dirisiwa go tswa mo diveineng tse di lefifi go tswa go vintage ya bong e le gore e setse e godile mo ngwageng, wa vintage. Vintage ya ya Riseve ya Kapa ke e batsweletsi ba e kayang gore key a bone e e kwa godimo ya diveine tsa Vintage tsa Kapa.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Kgaolo e e ka fa tlase ga Tinta Barocca mo Aforika Borwa e feta seripa go tloga ka dingwaga tsa bo 1980, go ya ka go ya pele le morago ga tlhokego ya diveine tsa mofuta wa Port ya boditšhabatšhaba. Fa tse di le mmalwa go ya go seripa sa diheketara di ka fitlhelwa mo dikgaolong tsa tsweletso, dikgwa tsa dijalo tse di kgolo that di fitlhelwa mo Swartland, Karoo e nnye le Stellenbosch. Dikgaolo tse di ka ntsaya maikarabelo a go k anna tse tharo tsa dikotara tsotlhe tsa Tinta Barocca ya tsweletso mo nageng.

Kgolo

Ke mogodi wa go phophoma o ka tlwaelo ya gfo nama le bokgoni jwa go golela kwa godimo, e e ka nnang gare ga 16t/ha go ya go 20t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa bogareng jwa setlha, go tsweng magare a kgwedi ya Mopitlwe.

Borekhu

Borekhu ke jo bo kgolwane, bo bo khutshwane ka bolee le bontsho. Letlalo ke le le tshesane le go nna thata, jaaka boteng bo gagametse mme bo meetsana ka dinako tse dingwe.

Matlhare

Matlhare a ma golo, a potokwe go ya go moreto a mararo le go nna le mmala o o motala wa bofefo.

Disenyi le Malwetse

Tinta barocca e masisi mo monyong o o botlase le lorelo.

Tirso

Mefuta e e farologaneng e dirisiwa go tsweletsa mefuta wa port le diveine tse omeletseng tse khibidu.

Tatso

Diveine di farologana ka mmala go tswa bokhibidu bo bo swana go ya go boswana e bile e ntsha borekhu jo bo tseneletseng le multwalo wa maungo.

Translated by Lawrence Ndou